Romans 1:20 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gonne dilo tse di sa bonaleng tsa one, e bong nonofo ya one e e sa khutleng, le bomodimo jwa one, di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng; jalo batho bao ba bo ba se na seipato;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone lilo tse ri sa itsioeñ tsa ona, le mo popoñ ea lehatse le mo nakoñ enu, li bonoa ka ponatsego, mi li tlalogañoa, ka ntla ea lilo tse ri rihiloeñ, eboñ thata ea ona, e e sa khutleñ, le boikemo yoa ona, gore ba si ne go itatoholola;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Go simolola mo dinakong tsa pele batho ba bonye lefatshe le loapi le gotlhe mo Modimo o go dirileng, ebile ba itsile ka go tshela ga one le nonofo e kgolo ya bosakhutleng. Jalo ga ba kitla ba nna le seipato (fa ba ema fa pele ga Modimo ka letsatsi la katlholo).
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gobane dilo tsa gagwe tse di sa bonagalego di ka bonwa gabotse go tloga tlholong ya lefase ka dilo tseo di dirilwego, e lego matla a gagwe a sa felego le Bomodimo bja gagwe; mo e lego gore ba se na lebaka:
Tswana Setswana 1970
Kana go tswa tlholegong ya lefatshe bosabonweng jwa ona, e bong thata e e sa khutleng ya ona le Bodimo jwa ona, bo lemogwa sentle ka ditiro tsa ona gore ba se nne le seipato;