Romans 1:21 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
gonne, le fa ba itsile Modimo, ga ba a ka ba o galaletsa jaaka Modimo, le fa e le go o leboga; ba ithamaka mo go akanyeng ga bone, mme pelo ya bone e e kotlometseng ya fifala.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone, erile ka ba itse Morimo, ba si ka ba o galaletsa yaka Morimo, le go o itumelela; mi ba le ba na boithamako mo khakologeloñ tsa bona, mi pelu tsa bosilo tsa bona tsa hihiharioa.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ee, ba itsile kaga one sentle thata, mme ga ba a ka ba dumela gore ba a o itse kgotsa ba o obamela le fa e le go o leboga ka fa o ba tlhokomelang ka teng malatsi otlhe. Mme morago ga lobakanyana ba simolola go akanya dikakanyo tsa boeleele tsa gore Modimo o ntse jang le gore o batla gore ba dire eng. Jalo ga diragala gore megopolo ya bone ya boeleele e fifale e bo e tlhakatlhakane.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka baka la gore, ge ba be ba tseba Modimo, ba be ba sa mo tagafatse bjalo ka Modimo, ebile ba be ba sa leboge; eupsa ya ba ya lefeela menaganong ya bona, ledipelo tsa bona tsa bosilo tsa fifala.
Tswana Setswana 1970
gonne e rile ba ntse ba itse Modimo, ba se ka ba o galaletsa jaaka Modimo, le e seng go o leboga, mme ba fetoga masilo mo dikakanyong tsa bone, dipelo tse di se nang tlhaloganyo tsa bone tsa fifala.