Romans 13:9 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gonne le le reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa iphetlha,” le fa go ka bo go le molao mongwe o sele, go sobokantswe mo lefokong le, la go re: “Rata wa gaeno jaaka o ithata.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone se, Ga u kitla u gokahala, Ga u kitla u bolaea, Ga u kitla u ucua, Ga u kitla u shupa ka cupo ea kako, Ga u kitla u khatlega; mi ha go le molao o moñue, o eme mo hukuñ ye, go re, U tla rata moñ ka uena yaka u ithata.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Fa o rata mongwe ka wena fela jaaka o ithata, ga o na go rata go mo utlwisa botlhoko kgotsa go mo tsietsa, kgotsa go mmolaya kgotsa go mo utswela. Gape ga o na go dira boleo le mosadi wa gagwe, kgotsa go batla se e leng sa gagwe, kgotsa go dira le fa e le eng se melao e e some e reng ga se a siama Yotlhe ka bosome jwa yone e akareditswe mo molaong o o reng, “Rata mongwe ka wena jaaka o ithata.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gona: O se ke wa otswa, o se ke wa bolaya, o se ke wa utswa, o se ke wa nea bohlatse bja maaka, o se ke wa duma; lege go na le taelo ye nngwe, e kwesiswa ka boripana polelong ye, e lego: O rate moagisani wa gago bjalo ka ge o ithata.
Tswana Setswana 1970
Gonne ditaolo tse di reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako; o se ka wa eletsa,” le fa go ka ne go le taolo e nngwe e sele, di akareditswe ka lefoko le le reng: “O rate mongwe-ka-wena jaaka o ithata.”