Romans 14:5 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Motho mongwe o tlotla letsatsi lengwe bogolo go le lengwe; yo mongwe a tlotle malatsi otlhe, a tshwane fela. A motho mongwe le mongwe a ikutlwele ruri mo pelong ya gagwe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Moñue o kaea letsatsi leñue legolu mo go ye leñue; eo moñue o kaea malatsi aotle ha a cuana. A moñue le moñue a tlomamisioe mo boitlomoñ yoa gague ka botlalo.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Bangwe ba gopola gore Bakeresete ba tshwanetse go tshegetsa malatsi a Sejuta a boikhutso e le malatsi a a tlhophegileng go obamela Modimo. Mme bangwe ba re ga go a siama go itshwenya ka dilo tse di ntsengjaana, gonne malatsi otlhe ka go tshwana ke a Modimo. Malebang le dipotso tse di ntsengjaana, mongwe le mongwe o tshwanetse go ikakanyetsa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Yo mongwe o tseela letsatsi le lengwe godimo ga le lengwe, yo mongwe o tseela letsatsi le lengwe le le lengwe go swana. Anke motho yo mongwe le yo mongwe a kgodisege ka botlalo monaganong wa gagwe.
Tswana Setswana 1970
Yo mongwe o kaya gore letsatsi lengwe le feta le lengwe; mme yo mongwe ene o kaya gore malatsi a a tshwana. A mongwe le mongwe a tlhomame mo boitlhomong jwa gagwe.