Romans 15:19 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
ka thata ya ditshupo le dikgakgamatso, ka thata ya Mowa o o Boitshepo; ka re, ke simolotse kwa Jerusalema, ka potologa ka ba ka ya go fitlha le kwa Iluriko, ke eta ke rera Mafoko a a Molemo a ga Keresete ka botlalo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ka licupo tse ri thata, le likhakamaco, le ka thata ea Moea oa Morimo; ka tsamaea ka rera ka botlalo evangelio ea ga Keresete, ka simolola ka Yerusalema, le go ntleñ cotle tsa ona, le kua Iliriko.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ke ba gapile ka molaetsa wa me le ka tsela e e molemo e ke neng ke itshotse mo go bone ka yone, le ka dikgakgamatso tse di dirilweng ka nna e le ditshupo tse di tswang kwa Modimong, tsotlhe fela e le ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo. Ka yone tsela e, ke rerile mafoko a a Molemo a a tletseng a ga Keresete mo tseleng yotlhe go tsweng kwa Jerusalema go fitlha kwa Ilirikama.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka dipontsho tse maatla le mehlolo, ka maatla a Moya wa Modimo; mo e lego gore go tloga Jerusalema le go dikologa go fihla Iliriko ke bolela Ebangedi ya Keresete ka botlalo.
Tswana Setswana 1970
ka thata ya ditshupo le dikgakgamatso le ka thata ya Mowa wa Modimo, mo ke bileng ke tlatsa lefatshe Efangele ya ga Keresete go simolola kwa Jerusalema le mo tikologong go ya go fitlha kwa Ileriko.