Romans 2:12 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gonne botlhe ba ba leofileng ba se na molao, le gone ba tlaa swa ba se na molao; mme botlhe ba ba leofileng ba le fa tlase ga molao, ba tlaa atlholwa ka molao.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone botle ba ba leohileñ ba sina molao, le bona ba tla latlega ba sina molao; mi botle ba ba leohileñ mo molaoñ, ba tla sekisioa ki molao;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
O tlaa otlhaya sebe gongwe le gongwe kwa se bonwang teng. O tlaa otlhaya baheitane fa ba leofa, le fa ba ise ba ke ba nne le melao ya Modimo e e kwadilweng, gonne mo botennye jwa dipelo tsa bone ba itse tshiamo le bosula. Melao ya Modimo e kwadilwe mo go bone; segakolodi sa bone se ba baya molato, ka nako e nngwe se dumalana nabo. Mme Modimo o tlaa otlhaela Bajuta go leofa gonne ba na le melao ya one e e kwadilweng mme ga ba e tshegetse. Ba itse se se siameng mme ga ba se dire. Kana poloko ga e newe ba ba itseng se ba tshwanetseng go se dira, fa e se fela ba se dira.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gobane bohle bao ba dirilego sebe ka ntle le molao le bona ba tla hwelela ka ntle le molao; lebohle bao ba dirilego sebe molaong ba tla ahlolwa ka molao;
Tswana Setswana 1970
Kana botlhe ba ba leofileng ba se na molao ba tla latlhega kwa ntle ga molao; mme botlhe ba ba leofileng ba na le molao ba tla atlholwa ka molao.