Romans 2:4 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Kgotsa a o nyatsa letlotlo la molemo, le la boiphapaanyo, le la bopelotelele jwa one, o sa itse fa molemo wa Modimo o go gogela kwa boikwatlhaong?
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Khotsa a u nyatsa mahumo a molemo a ona, le boiphapanyo, le bopelutelele; u sa itse ha molemo oa Morimo o gu gogela tlabologoñ?
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
A ga o lemoge ka fa Modimo o leng pelotelele mo go wena ka teng? Kgotsa a ga o tshwenyege ka gope? A ga o bone gore o ntse o sa go otlhae mo lobakeng lo lotlhe, e le go go naya sebaka sa go sokologa mo sebeng? Bopelonomi jwa one bo diretswe go go gogela kwa boikwatlhaong.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Goba na le nyatsa lehumo la botho bja gagwe le kgotlelelo le kgotlelelo ya gagwe; a ga le tsebe gore botho bja Modimo bo go isa tshokolong?
Tswana Setswana 1970
A kampo o nyatsa lohumo lwa bopelontle le lwa boitshoko le lwa bopelotelele jwa ona, o sa itse gore molemo wa Modimo o go gogela tlhabologong?