Romans 2:5 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
O re o le logwadi, o le pelo e e sa ikwatlhayeng, o ipeela bogale mo letsatsing la bogale le la tshenolo ya tshekiso e e siameng ya Modimo,
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a u iphuthela bogale go motsi oa bogale, le ponatsego ea tsekisho ea tsiamo ea Morimo, kaha peluñ e e thata, le e e sa ikuatlaeñ ea gago,
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme le fa go ntse jalo, ga o reetse; mme ka go dira jalo o ipolokela kwatlhao e e setlhogo ka ntlha ya botlhogo-e-thata jwa gago jwa go gana go soko-loga mo sebeng; gonne go tlaa tla letsatsi la bogale fa Modimo o tlaa bong o le moatlhodi yo o sa patikeng wa lefatshe lotlhe.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa, go ya ka thata ya gago le pelo ya gago yeo e sa sokologego, o swanetse go itlhokomela kgalefo ya gago malebana le letsatsi la kgalefo le kutollo ya kahlolo ya go loka ya Modimo;
Tswana Setswana 1970
Mme wena, ka fa pelong e e thata ya gago e e sa ikwatlhaeng, o ikgobokanyetsa bogale mo letsatsing la bogale le la ponalo ya katlholo e e siameng ya Modimo,