Romans 3:25 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
yo Modimo o mmeileng go nna seletlanyo, ka tumelo, ka madi a gagwe, gore a supe tshiamo ya one, ka ntlha ya go tlhokomologa maleo a a dirilweng gale, ka boiphapaanyo jwa Modimo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Eo Morimo o meetseñ pele, go na thuano ka tumelo mo mariñ a gague, go shupa tsiamo ea gague, mo boicuareloñ yoa libe tse ri hetileñ, ka boiphapanyo ea Morimo;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Gonne Modimo o rometse Jesu Keresete go tlosa kwatlhao ya rona ka ntlha ya dibe tsa rona, le go fedisa bogale jotlhe jwa Modimo jo bo re okameng. Modimo o dirisitse madi a ga Keresete le tumelo ya rona e le tsela ya go re boloka mo bogaleng jwa one. Ka yone tsela e, o ne wa supa tshiamo ya one o sa patike ope, le fa o ise o ke o otlhae ba ba neng ba leofa mo metlheng ya pele. Gonne o ne o lebetse kwa pele nako e Keresete o neng a tlaa tla ka yone go tlosa dibe tseo tsotlhe.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Modimo o mo tlisitse gore e be poelano ka tumelo mading a gagwe, gore a tsebatse toko ya gagwe bakeng sa tebalelo ya dibe tsa nakong e fetilego, ka kgotlelelo ya Modimo.
Tswana Setswana 1970
yo Modimo o mmeileng go nna thuanyo ka madi a gagwe e e bonwang ka tumelo, gore go supiwe tshiamo ya ona ka ntlha ya go tlhokomologa maleo a a dirilweng pele, Modimo o ntse o iphapaantse