Romans 3:4 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A go se tualo; ee, bogolo a Modimo o fitlhelwe o le boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe a le moaki; jaaka go kwadilwe ga twe: “Gore o tle o siamisiwe mo mafokong a gago, le gore o fenye mogang o tlang mo tshekong.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
A go si ne yalo; mi a Morimo o ne boamarure, mi a mothu moñue le moñue a ne moaki; yaka go kuariloe, Gore u siamisioe mo mahukuñ a gago, le go henya mogañ u sekisioañ.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ga go a nna jalo! Le fa batho mo lefatsheng e le baaki, Modimo one ga o a nna jalo. A o gakologelwa se se buiwang ke lokwalo lwa Dipesalema kaga selo se? Gore mafoko a Modimo a tlaa aga a supega a le boammaaruri a bile a siame, ga gore sepe gore mongwe o a ganetsa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Modimo a e thibele; bjalo ka ge go ngwadilwe gwa thwe: Gore le lokafatswe ka mantsu a lena lele fenywe ge le ahlolwa.
Tswana Setswana 1970
Le go ka! Mme go tshwanetse ga nna jaana: Modimo o boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe ke moaki, jaaka go kwadilwe ga twe: “Gore o tle o fitlhelwe o siame mo mafokong a gago, o fenye, fa o bewa molato.”