Romans 6:13 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
le gone lo se ka lwa neela boleo ditokololo tsa lona go nna dilo tse di dirang tshiamololo; mme lo ineele mo Modimong, lo le batshedi ba lo duleng mo baswing, le ditokololo tsa lona, gore e nne dilo tse di dirang tshiamo mo Modimong.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Le gona lo si nele boleo litokololo tse lona, go na lilo tsa tsiamololo; mi lo inele Morimoñ, yaka ba ba tserileñ, ba ba ruleñ mo bashuiñ, le go nela Morimoñ litokololo tsa lona go na lilo tsa tsiamo.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Se letleleleng tokololo epe ya mebele ya lona go nna didirisiwa tsa boleo, go dirisiwa mo go direng boleo; mme ineeleng gotlhelele mo Modimong, tokololo nngwe le nngwe ya lona, gonne lo tswa mo losong mme lo batla go nna didirisiwa tsa Modimo, go dirisiwa mo megopolong ya one e e siameng.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Le se ke la neela ditho tsa lena e le didiriswa tsa go se loke bakeng sa sebe, eupsa itlhagiseng go Modimo bjalo ka bao ba tsositswego bahung, le ditho tsa lena e le didiriswa tsa go loka bakeng sa Modimo.
Tswana Setswana 1970
Gape se neeleng boleo ditokololo tsa lona go nna didiri tsa tshiamololo, mme ineeleng Modimo jaaka ba ba tswang mo losong, ba phela, le ditokololo tsa lona di neeleng Modimo go nna didiri tsa tshiamo;