Romans 6:19 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke bua ka fa mokgweng wa batho, ka ntlha ya thetelelo ya nama ya lona, gonne jaaka lo kile lwa ntsha ditokololo tsa lona go nna batlhanka ba leswe, le ba boikepo jo bo isang boikepong; go ntse jalo gompieno, ntshang ditokololo tsa lona go nna batlhanka ba tshiamo e e isang boitshepisong.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ki bua yaka mokhua oa bathu ka ntla ea thetelelo ea nama ea lona: gone yaka lo netse litokololo tsa lona go na batlañka ba mashue, le tsiamololo go tsiamololo; yanoñ lo nee litokololo tsa lona go na batlañka ba tsiamo go boitsephishoñ.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ke bua jaana, ke dirisa sekai sa batlhanka le barena, gonne se motlhofo go tlhaloganngwa: fela jaaka lo kile lwa bo lo le batlhanka mo mefuteng yotlhe ya boleo, jaanong lo tshwanetse go itetlelela go nna batlhanka mo go gotlhe mo go siameng go bile go itshepile.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ke bolela bjalo ka batho ka baka la bofokodi bja nama ya lena, ka gobane le dirile ditho tsa lena makgoba a ditshila le bokgopo bja bokgopo; Ka gona bjale, bea ditho tsa lena bahlanka ba toko go ya go kgethagatsong.
Tswana Setswana 1970
Ke bua ka fa mokgweng wa batho ka ntlha ya bokoa jwa nama ya lona; a e re jaaka lo ne lo neetse ditokololo tsa lona go nna badiredi ba maswe le ba boitaolo jo bo isang boitaolong, jaanong neelang ditokololo tsa lona jalo go nna badiredi ba tshiamo e e isang boitshepisong.