Romans 7:4 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke gone, bagaetsho, le lona lo kile lwa dirwa baswi ka ga molao, ka mmele wa ga Keresete; e le gore lo tle lo nyalwe ke o sele, e bong ke ene yo o tsositsweng mo losong, gore re tle re ungwele Modimo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ki gona, bakauleñue ba me, le lona lo setlashu mo molaoñ ka mele oa ga Keresete; gore lo nyaloe ki eo moñue, eboñ, ki ena eo o cosicoeñ mo bashuiñ, gore re uñuele Morimo.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
“Monna wa gago,” mong wa gago e kile ya ne e le molao wa Sejuta; mme o ne wa “swa” jaaka o ka re o swa le Keresete mo mokgorong; mme ka o “sule”, ga o sa tlhole o “Nyetswe ke molao,” le gone molao ga o sa tlhole o na le taolo mo go wena. Mme o ne wa boela mo botshelong gape fa Keresete a rula, jalo he o motho yo mosha. Mme jaanong o “nyetswe,” go bua jalo ke raya gore, o nyetswe ke yo o tsogileng mo baswing, gore o tle o ungwe loungo lo lo siameng, ke gore ditiro tse di siameng tsa Modimo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gona, bana beso, le lena le hwetse molao ka mmele wa Keresete; gore le nyalelwe ke yo mongwe, e lego yo a tsositswego bahung, gore re tle re enywe dienywa ka baka la Modimo.
Tswana Setswana 1970
Bakaulengwe ba me, le lona lo bolailwe jalo ntlheng ya molao ka mmele wa ga Keresete gore lo nne ba yo mongwe, e bong ba yo o tsositsweng mo baswing, gore re ungwele Modimo;