Romans 8:26 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mowa le one o thusa thetelelo ya rona ka mokgwa o o ntseng jalo; gonne ga re itse go rapela jaaka re tshwanetse; mme Mowa ka osi o re rapelela ka diphegelo tse di sa ka keng tsa buiwa;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi gontse yalo le ona Moea, o thusa tse ri siñ thata tsa rona, ka re sa itse kaha re cuanetseñ go rapela ka gona, mi Moea ka osi oa re rapelela ka liphegelo tse ri sa kakeñ tsa buleloa.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Gape ka yone tsela eo, ka tumelo ya rona, Mowa O O Boitshepo o re thusa mo matshwenyegong a rona a malatsi otlhe le mo go rapeleng ga rona. Gonne ga re itse le se tota re tshwanetseng go se rapelela, le ka fa re tshwanetseng go rapela ka teng; mme Mowa O O Boitshepo o re rapelela ka maikutlo a e leng gore ga a ka ke a tlhalosiwa ka mafoko ape.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka yona tsela yeo, Moya le wona o tla go thusa mafokodi a rena, ka gobane ga re tsebe gabotse seo re swanetsego go se rapela; eupsa Moya ka bowona o re lopa ka go hemela godimo mo go sa hlalosegego.
Tswana Setswana 1970
Mme Mowa le ona o thusa bokoa jwa rona jalo; gonne ga re itse se re ka se kopang ka tshwanelo; Mowa ka osi o re emela ka diphegelo tse di sa kgonweng go bolelwa.