Romans 8:3 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gonne se molao o ne o retelelwa ke go se dira, ka gobo o le bokoa ka fa nameng, Modimo wa sekisa boleo mo nameng ka go roma Morwa wa one a le mo tshwanong ya nama e e leofang, a bile a le setlhabelelo sa boleo;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone se se le se reteletseñ molao, ka o lo sina thata ka ntla ea nama, Morimo oa roma Moroa ona mo cuanoñ oa nama ea boleo ka ntla ea boleo, a sekisetsa boleo mo nameñ:
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ga re bolokwe mo botshwarong jwa sebe ke go itse melao ya Modimo, gonne ga re ka ke le gone re bile ga re e tshegetse, mme Modimo o ne wa dirisa leano lengwe go re boloka. O romile Morwaa one mo setshwanong sa rona, pharologanyo fela ke gore mebele ya rona e na le boleo, mme Morwaa one ene o bolaile taolo ya sebe mo go rona ka go intsha setlhabelo sa dibe tsa rona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gobane seo molao o bego o sa kgone go se dira, ka ge o be o fokola ka nama, Modimo o ile a roma Morwa wa gagwe ka go swana le nama ya sebe, leka baka la sebe a ahlola sebe nameng.
Tswana Setswana 1970
Gonne se se reteletseng molao, ka o se na thata ka ntlha ya nama, Modimo o se dirile, wa atlhola boleo mo nameng ka go roma Morwaa-ona mo tshwanong ya nama ya boleo le ka ntlha ya boleo,