Romans 9:10 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme ga se gone gotlhe; gonne bana ba ga Rebeka e ne e le ba monna a le mongwe fela e bong rraetsho Isake;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi esiñ ye yeosi; mi le ena Rebeke erile a ithuarisicoe ki moñue, ebon ki Yitsake rra ecu;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme morago ga dingwaga, fa morwawe, Isake, a setse a godile ebile a nyetse, le Rebeka mosadi wa gagwe a tlaa tloga a mo tsholela mawelana, Modimo o ne wa raya Rebeka wa re, Esawe ngwana yo o tlaa tsalwang pele, o tlaa nna motlhanka wa ga Jakoba, lewelana la gagwe. Jaaka mafoko a lokwalo a re, “Ke tlhophile go segofatsa Jakoba, mme e seng Esawe.” Mme Modimo o ne wa bua jaana pele ga bana ba tsholwa, pele ga ba dira se se molemo kgotsa se se bosula. Se se supa gore Modimo o ne wa dira se o neng o se ikaeletse go tsweng kwa tshimologong; e ne e se ka ntlha ya se bana ba se dirileng mme e ne e le ka ntlha ya se Modimo o se batlileng wa se itlhophela.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Lee sego seo feela; eupsa ge Rebeka le yena a ima o tee, e lego tatago rena Isaka;
Tswana Setswana 1970
Mme ga se gona fela; le ene Rebeka o ne a nna moimana ka mongwe, e bong Isaka rraetsho;