Song of Solomon 3:10 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A dira maikaego a yone ka selefera, mpa ya yone ka gouta, manno a yone ka bohibidu jo bo mokgona, bogareng jwa sone go adilwe lorato ke bomorwadia Jerusalema.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
A riha pilara tsa yona ka selevera, le mpa ea yona ka gouda, le sekhurumelo sa yona ka porepura, mi bo aloa ha gare ka lorato ka bomoroaria Yerusalema.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A dira dikota tsa yona ka silifera, ditlhako tsa yona ka gauta, le sekhurumetso sa yona ka mmala wo mophepolo, a e khupetsa ka lerato la bana ba Jerusalema.
Tswana Setswana 1970
A dira maoto a sona ka selefera le moikaego wa sona ka gouta le manno a sona ka masela a mantle a mahibidu; bogare jwa sona bo kgabisitswe sentle, e le tiro ya lorato lwa bomorwadia Jerusalema.