Zechariah 14:12 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
E ke yone petso e Jehofa o tlaa betsang ka yone ditšhaba tsotlhe tse di tlhabanyeng le Jerusalema; nama ya bone e tlaa jega ba sa ntse ba eme ka dinao, matlho a bone a tlaa jega mo kgapeng tsa one, le loleme lwa bone lo tlaa jega mo melomong ya bone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi se, se tla na sebeco se Yehova o tla lotlañ bathu botle ka shona, ba ba tla tlabanañ le Yerusalema; nama ea bona e tla tlorega ka ba sa eme ka nao tsa bona, mi maitlo a bona a tla nyelela mo khapeñ tsa aona; mi teme tsa bona li tla nyelela mo melomoñ ea bona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ye e tla ba kotlo yeo Jehofa a tlago go tlaisa ditshaba ka moka tseo di lwantshanago le Jerusalema ka yona; Nama ya bona e tla ja ka dinao tsa bona, mahlo a bona a tla ja dikoteng tsa bona, le maleme a bona a tla ja melomong ya bona.
Tswana Setswana 1970
Merafe yotlhe e e bolotseng go tlhabana le Jerusalema, Morena o tla e betsa ka petso e: O tla bodisa nama ya bone ba ntse ba eme ka maoto; matlho a bone a tla bola mo dikgapeng tsa ona; diteme tsa bone di bola mo maganong a bone.