Zechariah 8:9 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “A diatla tsa lona di nne thata, lona ba e a reng mo metlheng eno lo utlwa mafoko a mo melomong ya baperofeti, ba e rileng mo motlheng wa fa motheo wa ntlo ya ga Jehofa wa masomosomo o thaiwa, e bong tempele, gore e agiwe, ba bo ba le teng.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Go bua yalo Yehova oa lintua: A liatla tsa lona li thatahale, lona ba lo utluañ ka metla enu mahuku auo mo melomoñ ea baperofeti, a a la a buioa ka tsatsi ye motheo oa ntlu ea ga Yehova oa lintua o theiloeñ ka yeona gore tempela e agioe.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jehofa wa madira o re: “A diatla tsa lena di tie, lena bao le kwago mantsu a lehono ka molomo wa baporofeta, ge motheo wa ntlo ya Jehofa wa madira o theilwe tempele e be e tla agwa.
Tswana Setswana 1970
“Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘A diatla tsa lona di tie thata, ba lo utlwileng mafoko a mo melomong ya baporofeti mo malatsing ano, ke go re, mo malatsing a motheo wa ntlo ya Morena wa masomosomo o theilweng ka ona gore Tempele e tle e agiwe.