bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Habakkuk 3
Habakkuk 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
1
Thapelo ya ga Habakuke moporofeti, ka moopelo wa sefela sa selelo.
2
Morena, ke utlwile pegelo ya gago, ka ba ka tshoga. Morena, dirafatsa tiro ya gago mo gare ga dinyaga, ò e itsise mo gare ga dinyaga. Mme mo bogaleng ò gakologelwe boutlwelo-botlhoko.
3
Modimo o tla tswa kwa Themane, Moitshepi a tswa kwa thabeng ya Pharane. Sela. Kgalalelo ya ona e khurumeditse magodimo, lefatshe le tletse pako ya ona.
4
Go tla nna phatsimo jaaka lesedi la letsatsi, marang a fa lotlhakoreng lwa ona; ke fa thata ya ona e fitlhilweng teng.
5
Leroborobo le tla o etelela pele, letshoroma le o sala morago.
6
Fa o ema, o roromisa lefatshe; fa o leba, o tsibosa ditšhaba; dithaba tse di sa khutleng di a phatlakanngwa, dithabana tsa bogologolo di a kokobela, tse e leng metsamao ya ona ya kgale.
7
Ke bonye ditente tsa Kušane di le mo tlalelong, masela a ditente tsa lefatshe la Midiane a tetesela.
8
Morena, a ò tuketse dinoka bogale? A ò galefetse dinoka? Gongwe a ò gakaletse lewatle, ka ò palame dipitse tsa gago le dikoloi tsa gago tsa phenyo?
9
Bora jwa gago bo etleetsegile gotlhe. Kgwatlha ya gago ya metsu e tletse. Sela. O phatlola lefatshe gore le tswe dinoka.
10
Fa dithaba di go bona, di a roroma. Morwalela o a feta. Lewatle le a duma, le tsholeletsa mabogo kwa godimo.
11
Letsatsi le ngwedi di boela mo mannong a tsona. Go bonesa lesedi la metsu ya gago e e fofang; go phatsima logadima lwa lerumo la gago.
12
O ralala lefatshe ò gaketse; ò photha ditšhaba ò le bogale.
13
O bolotse go thusa morafe wa gago le go thusa Motlodiwa wa gago; o tšhwetlakanya tlhogo ya lapa la moikepi, ò mo apola go tloga dinaong go fitlha molaleng. Sela.
14
O tlhaba tlhogo ya dikgosana tsa gagwe ka marumo a gagwe tse di tlhaselang go mphalatsa, tse di duduetsang jaaka e kete di rata go ja modidi fa a fitlhegileng teng.
15
O gatile mo lewatleng ka dipitse tsa gago, mo phuthegelong ya metsi a mantsi.
16
E rile ke utlwa jalo, teng ya me ya huduega, molomo wa me wa roroma ka ntlha ya modumo; go nyera ga ntsena mo marapong, ka tetesela fa ke emeng teng; gonne ke na le go iketlela letsatsi la tlalelo gore le tlele morafe o o re tlhaselang.
17
Le fa setlhare sa feie se sa tlhoge, le fa go se maungo mo ditlhareng tsa moweine, le fa phulo ya setlhare sa olefa e swabisa, le fa masimo a sa ntshe dijo, le fa dinku di feleletse mo sakaneng, le fa go se dikgomo mo marakeng:
18
Le fa go ntse jalo ke rata go dudueletsa Morena, ke rata go itumelela Modimo wa pholoso ya me.
19
Modimo Morena ke thata ya me; o dira maoto a me jaaka a ditshephe; o ntsamaisa mo mafelong a a kwa godimo a me. Go kwaletswe moopedisi; ka diletso tsa me tsa ditlhale tsa mesifa.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
All chapters:
1
2
3