bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
/
1 Corinthians 2
1 Corinthians 2
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 3 →
1
MI ’na, bakauleñue, erile ki tla go lona, ki le ki sa tle ka mahuku a maintle, khotsa a botlale, go lo rerela cupo ea Morimo.
2
Gone ki ikaeletse esiñ go itse sepe mo go lona, ha e si Yesu Keresete, le papolo ea gague.
3
Mi ki le ki na le lona ka bokoa, le poiho, le bogolu yoa lithoromo.
4
Mi thuto ea me, le thero ea me, li li si na le mahuku a a khonañ a botlale yoa bathu; mi e le le ka ponatsego ea Moea, le ea thata;
5
Gore tumelo ea lona e si ne mo botlaleñ yoa bathu, mi e ne mo thateñ ea Morimo.
6
Mi re bua botlale mo go bona ba ba botlalo; mi esiñ botlale yoa lehatse yenu, khotsa yoa balaori ba lehatse yenu, yo bo nyelelañ;
7
Mi re bua botlale yoa Morimo mo bosaitsioeñ, yo bo bipiloeñ, yo Morimo o bo laoletseñ khalaleloñ ea rona, pele lehatse le e si le ne;
8
Yo go siñ ope oa balaori ba lehatse yenu o bo itsileñ; gone ha ba le ba bo itse, ba kabo ba si ka ba bapola Morena oa khalalelo.
9
Mi yaka go kuariloe, Leitlo ga lea ka ya ri bona, tsebe ga ea ka ea ri utlua, ga lia ka tsa tlatloga mo peruñ ea mothu, lilo tse Morimo o li etleleritseñ bona ba ba o ratañ;
10
Mi Morimo o li re senoletse ka Moca oa ona; gone Moea o botsisa lilo cotle, le cona lilo tsa boteñ tsa Morimo.
11
Gone mothu emañ eo o itseñ tsa mothu, ha e si moea oa mothu o o mo go ena? gontse yalo ga go ope eo o itseñ lilo tsa Morimo, ha e si Moea oa Morimo.
12
Mi yana ga rea cula moea oa lehatse, mi re cutse Moea o e leñ oa Morimo; gore re itse lilo tse Morimo o li re neileñ ka botlalo;
13
Tse le cona re li buañ, esiñ ka mahuku a a rutoañ ki botlale yoa bathu, mi ki ka mahuku a a rutoañ ki Moea oa Boitsepho; go cuantsa lilo tsa moea ka lilo tsa moea.
14
Mi mothu oa nama, ga a cule lilo tsa Moea oa Morimo; gone li bosilo go ena, mi ga a kake a li tlaloganya, gone li botsisioa ka moea.
15
Mi eo e leñ oa moea o botsisa lilo cotle, mi ena ka esi, ga a botsisioe ki ope.
16
Gone mañ eo o itsileñ boitlomo yoa Morena gore a bo rute mi re na le boitlomo yoa ga Keresete.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16