bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
/
1 Peter 5
1 Peter 5
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
1
BAGOLU ba ekelesia ba ba mo go lona, kia ba kaela, ’na eo ki leñ mogolu nabo, le moshupi oa lipogisho tsa ga Keresete, le moaberoi oa khalalelo e e tla bonatsioañ:
2
Hurisañ lecomane ya Morimo ye le mo go lona, go le lebela esiñ ka kholo, mi a e ne ka itloahalo; le esiñ ka ntla ea tuelo e e mashue, a e ne ka pelu eotle;
3
Le esiñ go laolela boshua yoa Morimo, mi lo ne yaka likao go lecomane.
4
Mi mogañ Morisa eo mogolu o bonalañ, lo tla bona seroalo sa bogosi sa khalalelo se se sa nyeleleñ.
5
Le lona makau, utluañ bagolu. Mi utluanañ lotle, mi apesioañ ka bonolo yoa pelu; gone Morimo o ganetsa ba bopeluumpe, mi o nela ba bonolo tsegohaco.
6
Ki gona lo inolahaletseñ atleñ se se thata sa Morimo, gore o lo gorise mo motleñ oa ona;
7
Latlelañ mo go ona ñoñorego cotle tsa lona; gone oa lo tlamela.
8
Nañ tekano, nañ tisho; gone diabolo, moganetsi oa lona, oa kharakhatsega, yaka tau e e rumañ, a batla eo o ka mo ’mmetsañ;
9
Eo, lo mo ganetseñ mo tlomamoñ ea tumelo, ka lo itse ha lipogisho tseuo le cona li rihecoe bakauleñue ba lona ba ba mo lehatsiñ.
10
Mi yana Morimo oa tsegohaco eotle, o o re bileritseñ khalaleloñ ea ona e e sa khutleñ mo go Keresete Yesu, lo sina bogisioa ka bokhutsane, a o lo rihe botlalo, le go lo tlomamisa, le go lo thatahatsa, le go lo thaea.
11
Khalalelo, le thata, a li ne go ona ka bosinabokhutlo yotle. Amena.
12
Ki lo kualetse ka bokhutsane, ka Silevano eo e leñ mokauleñue oa boikanyo, yaka ki itloma; ki kaela ki shupa ha e, e le tsegohaco ea amarure ea Morimo, e lo emeñ mo go eona.
13
Ba ba kua Babelona ba ba itseñkecoeñ le lona, ba lo rumerisa, le ena Mareko moroake.
14
Rumerisanyañ ka katlo ea lorato. Kagisho e ne le lona lotle ba lo mo go Keresete Yesu. Amena.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
All chapters:
1
2
3
4
5