bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
/
1 Timothy 2
1 Timothy 2
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 3 →
1
KI gona ki kaelañ pele ga lilo cotle, gore merapelo e e thata le merapelo, le merapelelo, le maitumelelo, a riheloe bathu botle;
2
Le likhosi, le bona botle ba ba leñ bagolu, gore re tsele ka botselo yoa kagisho le tirimalo, mo poihoñmorimo eotle, le tsamao e e molemo.
3
Gone go riha yalo, go molemo le nateho ha pele ga Morimo Morebuluki;
4
Eo o ratañ gore bathu botle ba bulukoe, lo go tla kicoñ ea boamarure.
5
Gone go Morimo o le moñue hela, le motseriganyi a le moñue hela gare ga Morimo le bathu, eboñ monona Keresete Yesu;
6
Eo o la a inela go na thekololo ea botle, go na cupo mo motleñ oa eona.
7
E ki e laolecoeñ go na moreri le moapostoloi, (ki bua boamarure mo go Keresete, ga ki ake;) moruti oa bahaitene mo tumeloñ le mo boamarureñ.
8
Ki gona ki ratañ gore banona ba rapele mo maheloñ aotle, ba culetse liatla tsa boitsepho, ka go sina bogale le pelaelo.
9
Le gona yalo, gore basari ba khabe ka liaparo tsa bonolo yoa pelu, ka litloñ, le tekano, esiñ ka meriri e e horiloeñ, khotsa gouda, khotsa liperela, khotsa liaparo tse ri rategañ;
10
Mi a ba apare litiho tse ri molemo, (yaka go cuanela basari ba ba ipobolañ poihomorimo.)
11
A mosari a ithute mo tirimaloñ, le mo kutloñ eotle.
12
Mi ga ki leseletse mosari go ruta le esiñ go laola mo mononeñ, mi a ne mo tirimaloñ.
13
Gone Adame o la a bopioa pele, eriha gona go bopioañ Eve.
14
Mi Adame o la a sa tsierioe, mi mosari ka a tsiericoe, o la a na mo tloloñ.
15
Leha gontse yalo o tla bulukoa ka go belega bana, ha ba nna mo tumeloñ le mo loratoñ, le mo boitsephishoñ, le mo tekanoñ.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6