bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
/
3 John 1
3 John 1
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Jump to:
Chapter 1
1
EO mogolu, go Gaiu eo o ratoañ, eo ki mo ratañ mo boamarureñ.
2
Moratoi, kia eletsa bogolu mo liloñ cotle, gore u tsegoharioe, le go na mo pholoñ, yaka moea oa gago o tsegoharicoe.
3
Gone ki le ka itumela segolu, ka bakauleñue ba tla, ba shupa ga boamarure yo bo mo go uena, yaka u tsamaea mo boamarureñ.
4
Ga ki na boitumelo yo bogolu mo go yo, go utlua ha bana ba me ba tsamaea mo boamarureñ.
5
Moratoi, ua riha ka boikanyo cotle tse u ri rihetseñ bakauleñue le baeñ;
6
Ba ba shupileñ ga lorato loa gago ha pele ga ekelesia, ba ha u ba coerisetsa pele yaka go cuanela Morimo, yalo u tla riha molemo;
7
Gone ba rule ka ntla ea leina ya gague, ba sa tsee sepe mo bahaiteniñ.
8
Ki gona re cuanetseñ go cula ba bantseñ yalo, gore re ne bathusanyi mo boamarureñ.
9
Ki kualetse ekelesia; mi Dioterefe, eo o ratañ go na mogolu mo go bona, ga a re cule.
10
Ki gona, ha ki tla, ki tla gakologeloa tiho tsa gague tse o ri rihañ, ka mahuku a khaleho, a o a buañ kaga rona; mi esiñ go lekanoa ki gona, le gona ga a cule bakauleñue ka esi, mi a khoreletsa ba ba ratañ go riha yalo, mi o ba khoromeletsa kua ntle ga ekelesia.
11
Moratoi, u si latele se se boshula, mi latela se se molemo. Ena eo o rihañ molemo, ki oa Morimo; mi eo o rihañ boshula ga a e si a bone Morimo.
12
Demeterio o na le pulelo e e molemo mo go botle, le ea boamarure ka yosi; E, le rona rea shupa; mi ua itse ha cupo ea rona e le boamarure.
13
Ki le ki na le lilo li lintsi go li kuala, mi ga ki rate go gu kualela ka inka le pene;
14
Mi ki shuluhela ha ki tla akoha ki gu bona, mi re tla bua ka molomo le molomo.
15
A kagisho e ne nau. Litsala lia gu rumerisa. Rumerisa litsala ka maina.
Jump to:
Chapter 1
All chapters:
1