bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
/
Romans 15
Romans 15
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 16 →
1
MI rona ba re thata re cuanetse go iphapanya le lithetelelo tsa ba ba bokoa, esiñ go ikhatla ka rosi.
2
A moñue le moñue oa rona a ikhatlele moñ ka ena molemo mo kageleloñ.
3
Gone Keresete le ena a si ka a ikhatla; mi yaka go kuariloe, Likhobo tsa bona ba ba gu khobileñ li oetse mo go ’na.
4
Gone cotle tse ri tsa kualoa pele, li kualecoe thuto ea rona; gore re ne le culuhelo ka bopelutelele le khomoco ea likualo.
5
Mi yana, Morimo oa bopelutelele le khomoco, a o lo nee boitlomo yo boñue hela mo go lona kaha Kereseteñ Yesu:
6
Gore lo galaletse Morimo, Rra Yesu Keresete Morena oa rona, ka boitlomo yo boñue hela, le ka molomo o moñue hela.
7
Ki gona, culanañ, yaka Keresete le ena a re culetse khalaleloñ ea Morimo.
8
Gone ka re, Yesu Keresete o la a na moriheri oa ba boguera ka boamarure yoa Morimo, gore a tlomamise lipulelelo‐pele tse ri rihecoeñ bo‐rra;
9
Mi gore bahaitene ba galaleletse Morimo boicuarelo yoa ona; yaka go kuariloe, Ki tla gu ipobola mo bahaiteniñ ka ntla ea mouo, mi ki tla opelela leina ya gago.
10
Mi a ba a re, Itumeleñ, lona bahaitene le bathu ba gague.
11
Mi gape, Lona bahaitene botle, bakañ Yehova, le lona bathu botle, mo tlotleñ.
12
Mi Yesaye a ba a re, Go tla na mocoe oa ga Yeshae, le eo o tla cogañ go laola bahaitene; bahaitene ba tla shuluhela mo go ena.
13
Mi yana, Morimo oa culuhelo, a o lo tlatse ka boitumelo yotle, le kagisho mo tumeloñ, gore lo tote bogolu mo culuheloñ, ka thata ea Moea oa Boitsepho.
14
Mi, bakauleñue ba me, le ’na ki itsisicoe rure ga lona, ha le lona lo tletse molemo, lo tlaricoe ka kico eotle, mi le gona lo nonohile go kaelana.
15
Leha gontse yalo, bakauleñue, ki lo kualetse ka thanolo go lo goporisa ka ntla ñue, ka tsegohaco e ki e neiloeñ ki Morimo,
16
Gore ki ne moriheri oa ga Yesu Keresete mo bahaiteniñ, go ba rihela evangelio ea Morimo, gore cupelo ea bahaitene e natehe, ka e itsephisicoe ki Moea oa Boitsepho.
17
Ki gona ki nañ le pelahalo mo liloñ tse tsa Morimo ka Keresete Yesu.
18
Gone ki sa kake ka leka go bua sepe sa lilo tse Keresete o si kañ a li riha ka ’na, go utluisetsa bahaitene evangelio, ka mahuku le litiho,
19
Ka licupo tse ri thata, le likhakamaco, le ka thata ea Moea oa Morimo; ka tsamaea ka rera ka botlalo evangelio ea ga Keresete, ka simolola ka Yerusalema, le go ntleñ cotle tsa ona, le kua Iliriko.
20
E, ki le ka itlaganela yalo go rera evangelio, esiñ kua leina ya ga Keresete le utluetseñ gona, gore ki si age mo motheoñ oa eo moñue;
21
Mi yaka go kuariloe, Ba o sa ba buleleloeñ, ba tla bona; mi ba ba sa utlueñ, ba tla tlaloganya.
22
Le gona ki le ka khorelerioa go ea go lona ka gantsi ka ntla ea mouo.
23
Mi yana ka ki sa tlole ki na le bonno mo maheloñ a, mi ka ki tlologelecoe nyaga li lintsi tse go ea go lona;
24
Ki tla ea go lona mogañ ki etelañ kua Sepania; gone kia shuluhela go lo bona ka loeto loa me, le go isioa ki lona gona, ki sina go khorisioa ki lona gole gonye.
25
Mi yana kia etela kua Yerusalema, go rihela baitsephi.
26
Gone go le go khatlile bona ba Makedonia le Akaia go phuthela señue bahumanegi ba ba mo baitsephiñ kua Yerusalema.
27
Gone go le go ba khatlile; mi rure ba molatu go bona. Gone ha bahaitene ba le ba rihiloe baaberoi ba lilo tsa moea tsa bona, ki gona ki cuanelo ea bona go ba rihela ka lilo tsa mele tsa bona.
28
Ki gona etlareñ ki sina uetsa tse, le go ba kanela louñuo lo, ki tla tla ka lona, ki ea kua Sepania.
29
Mi kia itse ha ki tlare ki hitla go lona, ki tla tla mo botlaloñ yoa tsegohaco ea evangelio ea ga Keresete.
30
Mi kia lo rapela, bakauleñue, ka Yesu Keresete Morena oa rona, le ka lorato loa Moea, gore lo ganele mogo le ’na mo merapeloñ e lo ’nthapelelañ Morimoñ;
31
Gore ki gololoe mo go bona ba ba sa rumeleñ mo Yudea; mi gore tihelo e ea me, e ki e rihelañ Yerusalema, e natehele baitsephi;
32
Gore ki ee go lona ka boitumelo, ka thato ea Morimo, le go tsitsibosioa le lona.
33
Mi yana Morimo oa kagisho, a o ne le lona lotle. Amena.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16