bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
/
Titus 2
Titus 2
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 3 →
1
MI, uena, bua lilo tse ri cuanetseñ thuto e e horileñ;
2
Gore banona ba bagogaie ba ne tekano, bopelunomi, le tsisimogo, le mo tumeloñ e e horileñ, le mo loratoñ, le mo bopeluñtelele.
3
Le basari ba bagogaie le bona gore ba ne mo tsamaoñ e e cuanetseñ baitsephi, esiñ bakhari, esiñ go inela boyaloeñ yo bogolu, a ba ne baruti ba lilo tse ri molemo;
4
Gore ba rute basari ba meroba go na tekano, le go rata banona ba bona, le go rata bana ba bona,
5
Go na botlale, le boitseko, le go buluka ntlu, le go na molemo, le go utlua banona ba bona, gore lehuku ya Morimo le si khaloe.
6
Makau le aona u a kaele go na tekano.
7
U icupe u le sekao sa tiho tse ri molemo mo liloñ cotle, le bosapekoa mo thutoñ, le bopelunomi, le tsiamo,
8
Ka lehuku ye le horileñ ye le sa kakeñ ya latloa, gore eo o le ganetsañ a tlayoe ki litloñ, ka a sina sepe sa boshula go se bua ga gago.
9
Batlañka u ba kaele go utlua beñ ba bona, go ba khatla mo liloñ cotle; esiñ go ganela;
10
Esiñ go senya, mi a ba shupe boikanyo yotle yo bo molemo; gore ba khabise thuto ea Morimo Morebuluki mo liloñ cotle.
11
Gone tsegohaco ea Morena e e bulukañ e phatsimetse bathu botle,
12
Mi e ruta, gore re tlogele boikepo le likhatlego tsa lehatse, le go tsela ka boikanyo, le tsiamo, le poihomorimo mo hatsiñ yenu;
13
Ka go lebelela culuhelo e e tsegoharicoeñ, le ponatsego ea khalalelo ea Morimo o mogolu, le ea Morebuluki Yesu Keresete;
14
Eo o re ineletseñ, gore a re rekolole mo tsiamololoñ cotle, le go itsephisetsa bathu ba sele go ena, ba ba tloahalañ mo tihoñ tse ri molemo.
15
U bue tse, mi u kaele, mi u buele ka taolo eotle. A go si ne ope eo o gu nyatsañ.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3