bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Kings 3
1 Kings 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 4 →
1
Mme Salomo a nyalela Farao, kgosi ya Egepeto; a tsaya morwadia Farao, a mo tlisa mo motseng wa ga Dafita, a nna teng go ya a be a fetse go aga ntlo ya gagwe le Ntlo ya Morena le lobota mo tikologong ya Jerusalema.
2
Fela morafe o ne o ntse o dira ditlhabelo mo dithoteng tsa tlhabelo; gonne pele ga foo go ne go ise go agelwe leina la Morena ntlo.
3
Mme Salomo o ne a rata Morena ka go sepela ka fa melaong ya ga Dafita rraagwe. Fela a fapoga ka go dira ditlhabelo, a tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo.
4
Kgosi e kile ya ya kwa Gibeone go dira ditlhabelo teng; gonne thota ya teng e ne e tumile go feta tsotlhe. Salomo a dira ditlhabelo tsa phiso di le sekete mo aletareng ya teng.
5
Kwa Gibeone Morena a iponatsa mo go Salomo ka toro bosigo, mme Modimo wa re: “Ikopele sengwe mo go nna.”
6
Salomo a re: “O diretse rre Dafita motlhanka wa gago ka bopelotlhomogi jo bogolo fela jaaka a ne a sepela fa pele ga gago ka boikanyo le tshiamo le ka pelo e e nang nao e tlhamaletse. O bile o mmoloketse bopelotlhomogi jo bogolo joo, wa mo naya morwa yo o ntseng mo sedulong sa gagwe sa bogosi jaaka go ntse kajeno.
7
Mme jaanong Morena, Modimo wa me, motlhanka wa gago o mo dirile kgosi mo boemong jwa ga Dafita rre. Mme nna ke lekawana fela. Ga ke ise ke itse go tswa le go tsena.
8
E bile motlhanka wa gago o mo gare ga morafe wa gago o ò o itlhophetseng, e le morafe o mogolo o o sa ka keng wa balwa le e seng go kwalwa ka ntlha ya bontsi.
9
Ka moo naya motlhanka wa gago pelo e e reetsang gore a itse go atlhola morafe wa gago le go farologanya tse di molemo le tse di bosula. Gonne ke mang yo o ka kgonang go busa morafe wa gago o o kanakana?”
10
Kopo eo e ne ya kgatlha Morena, fa Salomo a kopa se se ntseng jalo.
11
Modimo wa mo raya wa re: “E re ka o kopile se se ntseng jaana, mme o sa ikopela bophelo jo boleele le e seng go ikopela khumo le e seng loso lwa baba ba gago, mme o ikopetse tlhaloganyo go ka utlwa ditsheko,
12
ka moo ke dira ka fa mafokong a gago, ke go naya pelo e e botlhale e e tlhaloganyang. Ga go ise go ke go nne ope yo o tshwanang nao pele ga gago. Le gona ga go kitla go tsoga ope yo o tshwanang nao sehularong sa gago.
13
Le tse o sa di kopang ke a di go naya, e bong khumo le tlotlo gore go se nne ope mo dikgosing yo o lekanang nao bophelong jotlhe jwa gago.
14
Mme fa o sepela mo ditseleng tsa me ka go tshegetsa melao ya me le ditaolo tsa me jaaka go sepetse Dafita rraago, foo ke tla ntsifatsa malatsi a gago.”
15
Jaanong ya re Salomo a thanya, a fitlhela e le toro. Morago ga moo a ya kwa Jerusalema, a ema fa pele ga Letlole la Kgolagano ya Morena, a dira ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo, a ba a direla batlhanka botlhe ba gagwe moletlo.
16
Ka sebaka seo ga tla basadi ba babedi ba diaka kwa kgosing, ba ema fa pele ga yona.
17
Ga bua mosadi mongwe a re: “Ka thapelo, morena wa me! Nna le mosadi yo re nna mo ntlong e le nngwe, mme ka belega fa go ene mo ntlong.
18
Mme e rile ka letsatsi la boraro ke sena go belega, le mosadi yo a belega, rona re le mmogo re se na le ope mo ntlong, re le babedi fela.
19
Mme morwa mosadi yo a swa bosigo, gonne o ne a mo letse godimo.
20
Jaanong a tsoga gare ga bosigo, a utswa morwaake mo lotlhakoreng lwa me, lelata la gago le thulametse, a mo robatsa mo sehubeng sa gagwe; a ba a baya morwawe yo o suleng mo sehubeng sa me.
21
Jaanong ya re ke tsoga mo mosong go amusa morwaake ka fitlhela a sule; fela ya re bo sena go sa, ka mo sekaseka, ka fitlhela e se ene yo ke mmelegeng.”
22
Mme mosadi yo mongwe a re: “Nnyaya! Yo o phelang ke morwaake, wa gago ke yo o suleng.” Mme yo mongwe a re: “Nnyaya! Ke morwao yo o suleng, wa me ke yo o phelang.” Ba ganetsanya jalo fa pele ga kgosi.
23
Mme kgosi ya re: “Yona a re: ‘Morwaake ke ene yo o phelang, wa gago ke yo o suleng.’ Yona a re: ‘Nnyaya, morwao ke yo o suleng, yo o phelang ke wa me.’ ”
24
Jaanong kgosi ya re: “Ntlisetseng tšhaka!” Ba tlisetsa kgosi tšhaka.
25
Jaanong kgosi ya re: “Fatolang ngwana yo o phelang, e nne mefama e mebedi, lo nee mongwe bontlhanngwe le yo mongwe bontlhanngwe.”
26
Ke fa mosadi yo ngwana yo o phelang e leng wa gagwe a raya kgosi, gonne o ne a utlwela morwawe botlhoko, a re: “Ka thapelo, mongwaka, nayang yole ngwana yo o phelang, mme se mmolaeng ka gope.” Mme yole a re: “A e se nne wa me le e seng wa gago. Mo fatoleng.”
27
Ke fa kgosi e atlhola e re: “Nayang yona ngwana yo o phelang, se mmolaeng. Ke ene mmaagwe.”
28
E rile Baiseraele botlhe ba utlwela katlholo e kgosi e e atlhotseng, ba boifa kgosi; gonne ba lemoga, fa botlhale jwa Modimo bo le mo teng ga gagwe go ka atlhola ka tshiamo.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22