bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Corinthians 3
2 Corinthians 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 4 →
1
A re simolola gape go itshupela? Kampo a le rona re batla dikwalo tse di re begang mo go lona jaaka ba bangwe, gongwe tse lona lo re begang ka tsona?
2
Ke lona lokwalo lwa rona lo lo kwadilweng mo dipelong tsa rona, lo lo itsiweng, lo lo buisiwang ke batho botlhe;
3
ka lo ntse lo bonala gore lo lokwalo lwa ga Keresete lo lo dirilweng ke rona, lwa kwalwa, e seng ka enke, mme e le ka Mowa wa Modimo o o tshelang, e seng mo matlapeng a maboti, mme e le mo matlapeng a nama a dipelo.
4
Mme re na le boikanyo jo bo ntseng jalo go Modimo ka Keresete.
5
Ga se gore rona ka rosi re nonofile go ka akanya sengwe ka borona, mme nonofo ya rona e tswa mo Modimong
6
o o re nonofisitseng go nna badiredi ba kgolagano e ntšhwa, e seng ba tlhaka ya Lokwalo, mme e le ba Mowa; gonne tlhaka e a bolaya, mme Mowa o a phedisa.
7
Mme fa tirelo ya loso e e kwadilweng ka ditlhaka mo matlapeng e ne e tlala kgalalelo, mo Baiseraele ba neng ba palelwa ke go tlhoma matlho mo sefatlhegong sa ga Moše ka ntlha ya kgalalelo ya sefatlhego sa gagwe, etswe e le e e tla nyelelang,
8
kana tirelo ya Mowa yone e tla nna le kgalalelo e kgolo bogolo jang ne!
9
Gonne fa tirelo ya katlholo e na le kgalalelo, tirelo ya tshiamo yona e tla bo e tletse kgalalelo bogolo bogolo;
10
gonne golo fa se se galaleditsweng ga se tlhole se galalediwa ka ntlha ya kgalalelo e e feteletseng.
11
Gonne fa sona se se nyelelang se ne se na le kgalalelo, se se nnelang ruri se tla nna le kgalalelo e kgolo bogolo.
12
E re ka jaanong re na le tsholofelo e e ntseng jalo, re dirisa bopelokgale jo bogolo,
13
mme ga re etse Moše yo o neng a bipa sefatlhego sa gagwe ka lesire gore Baiseraele ba se ka ba bona bokhutlo jwa se se nyelelang.
14
Mme maitlhômô a bone a thatafaditswe; gonne go fitlha letsatsing la kajeno lone lesire leo le ntse le le mo puisong ya kgolagano e kgologolo, le sa tlosiwe; gonne e tlosiwa ka Keresete fela.
15
Mme go fitlha letsatsing la kajeno, e a re fa Lokwalo lwa ga Moše lo buisiwa, lesire le nne mo dipelong tsa bone;
16
mme fa ba ka boela go Morena, lesire le tla tlosiwa.
17
Morena ke ene Mowa, mme kwa Mowa wa Morena o leng teng, gona go kgololesego.
18
Mme rona rotlhe, e re ka re bonatsa kgalalelo ya Morena jaaka seiponi ka difatlhego tse di sirolotsweng, re fetolelwa tshwanong eo go tswa kgalalelong nngwe go ya kgalalelong e nngwe, jaaka go dirwa ke Morena yo e leng Mowa.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13