bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Thessalonians 1
2 Thessalonians 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 2 →
1
Nna Paulo le Silefano le Timotheo re kwalela phuthego ya Thesalonika e e mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete:
2
A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete!
3
Re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe, jaaka go tshwanetse; ka gonne tumelo ya lona e ntse e gola thata, le lorato lwa mongwe le mongwe wa lona lo lo ratanang ka lone lo ntse lo totela pele.
4
Ke ka moo rona ka rosi re belafalang ka lona mo diphuthegong tsa Modimo ka ntlha ya boitshoko jwa lona le tumelo mo dipogisong tsotlhe tsa lona le mo dipitlaganyong tse lo di itshokelang.
5
Ke sesupo sa katlholo e e siameng ya Modimo gore lo kaiwe lo le ba ba tshwanetseng puso ya Modimo e lo bileng lo e bogela;
6
ka gonne go siame mo Modimong gore o busetse ba ba lo pitlaganyang pitlaganyo,
7
mme lona ba lo pitlaganngwang o lo lapolose mmogo le rona mo ponatshegong ya Morena Jesu, mogang a tswang kwa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe,
8
a le mo kgabong ya molelo, a busolosa bone ba ba sa itseng Modimo, e bong bone ba ba sa utlweng Efangele ya ga Jesu Morena wa rona.
9
Ba tla boga petso, e bong tshenyego e e sa khutleng, e le ya go nna kgakala le sefatlhego sa Morena le kgalalelo ya thata ya gagwe,
10
motlhang a tlang go galalediwa mo baitsheping ba gagwe, le go gakgamalelwa ke badumedi botlhe ka letsatsi leo; gonne tshupo ya rona e re e lo reretseng e dumetswe.
11
Ke ka moo re ntseng re lo rapelela gore Modimo wa rona o lo dire ba ba tshwanetseng pitso, o bo o dirafatse natefelo nngwe le nngwe ya bopelontle jwa ona le tiro ya tumelo ka thata,
12
gore leina la ga Jesu Morena wa rona le galalediwe mo go lona le lona mo go ene ka fa bopelotlhomoging jwa Modimo wa rona le jwa Morena Jesu Keresete.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3