bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Colossians 4
Colossians 4
Tswana Setswana 1970
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
1
Lona beng ba batho, nayang batlhanka ba lona se se siameng, se se ba tshwanetseng, ka lo itse gore le lona lo na le Morena mo legodimong.
2
Tswelelang mo thapelong, lo nne lo thantse mo go yona ka tebogo.
3
Le rona lo nne lo re rapelele gore Modimo o re bulele lobati lwa Lefoko gore re bolele bosaitsiweng jwa ga Keresete, jo e bileng ke bo golegetswe,
4
gore ke tle ke bo senole, jaaka go ntshwanetse go bua.
5
Tsamayang ka botlhale fa pele ga bone ba ba kwa ntle, lo sole sebaka molemo.
6
A ka metlha yotlhe mafoko a lona e nne a bopelontle, a a lokilweng ka letswai, gore lo itse ka fa lo tshwanetseng go araba mongwe le mongwe ka teng.
7
Tsotlhe tsa botshelo jwa me lo tla di itsisiwe ke Tigiko, mokaulengwe yo o rategang, modiredi yo o boikanyo, motlhanka-ka-nna mo Moreneng,
8
yo ke mo rometseng koo go lona ka ntlha ya moo gore lo itse ka fa re tshelang ka teng, mme a gomotse dipelo tsa lona,
9
a na le Onesimo, mokaulengwe yo o boikanyo yo o rategang, yo e leng mongwe wa ga lona; ba tla lo itsise tsotlhe tsa mono.
10
Aristarego, mogolegwi-ka-nna, o a lo dumedisa, le Mareko, ntsalaa Baranaba – yo lo amogetseng ditaetso ka ga gagwe. E re fa a ka tla koo go lona, lo mo tshole –
11
le Jesu yo o bidiwang Juseto. Ba thupiso ke bone fela ba e leng badiri-ka-nna mo pusong ya Modimo; ba diregile kgomotso ya me.
12
Epafera o a lo dumedisa, yo e leng wa ga lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, yo o ntseng a lo tlhabanela ka gale ka merapelo ya gore lo eme mo thatong yotlhe ya Modimo ka botlalo le ka tlhomamo;
13
gonne ke supa ka ga gagwe gore o itapisa thata ka ntlha ya lona le ka ntlha ya bone ba kwa Laodikea le ba kwa Hierapoli.
14
Luka, ngaka e e rategang, le Demase ba a lo dumedisa.
15
Dumedisang bakaulengwe ba kwa Laodikea, le ene Nimfa le phuthego ya ntlo ya gagwe.
16
E re fa lokwalo loo lo sena go buisiwa mo go lona, dirang gore lo buisiwe le mo phuthegong ya Laodikea, mme le lona lo buise lwa Laodikea.
17
Rayang Aregipo lo re: “Tlhokomela tirelo e o e amogetseng mo Moreneng, o e dirafatse.”
18
Tumediso ya me, ke le Paulo ke eo, ke e kwadile ka letsogo la me. Gopolang kgolego ya me. A bopelotlhomogi bo nne le lona! Amen.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
All chapters:
1
2
3
4