bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Daniel 1
Daniel 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 2 →
1
Ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Joyakime, kgosi ya Juta, ga tla Nebukatenesare, kgosi ya Babele, kwa motseng wa Jerusalema, a o dikanyetsa ka ntwa.
2
Morena a neela Joyakime, kgosi ya Juta, le bontlhanngwe jwa dithoto tsa Ntlo ya Modimo mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, mme ene a di isa kwa lefatsheng la Sineare mo ntlong ya modimo wa gagwe, dithoto tsona a di tsenya mo ntlong ya mahumo ya modimo wa gagwe.
3
Jaanong kgosi ya laela Ašephenase, mookamedi wa badiredi ba yona gore a tlhaole bangwe ba Baiseraele ba e leng ba losika lwa kgosi le lwa batlotlegi,
4
e bong makau a a itekanetseng, a a bopegileng sentle, a e leng ditswerere mo botlhaleng jotlhe, a a seleng tlhogo, a a tlhogo-di-boleta, a a nonofileng go ka direla mo lapeng la kgosi; ona ao a a rute mokwalo wa Bakalatea le puo ya bone.
5
Kgosi ya laela gore a fiwe kabelo ya letsatsi lengwe le lengwe ya dijo tsa kgosi le ya weine e e e nwang ka yosi, gore a godisiwe jalo dinyaga di le tharo, mme fa di sena go feta, a itse go direla kgosi.
6
Mo go ona ao go ne go le Daniele le Hananya le Mišaele le Asaria, ba e leng ba lotso lwa Juta.
7
Jaanong mookamedi wa badiredi a ba taya maina a sele, a bitsa Daniele Beletšhatsare le Hananya Šaterage le Mišaele Mešage le Asaria Abetenego.
8
Mme Daniele a ikaelela mo pelong ya gagwe gore a se ka a itshekologa ka dijo tsa kgosi le ka weine e e e nwang; a kopa mookamedi wa badiredi gore a se ka a itshekologa.
9
Modimo wa naya Daniele go bona bopelonomi le bopelotlhomogi mo mookameding wa badiredi.
10
Mookamedi wa badiredi a fetola Daniele a re: “Ke boifa kgosi, morena wa me, yo o laetseng tse lo tshwanetseng go di ja le go di nwa, e se re gongwe ya bona difatlhego tsa lona di tlhontse di tshwanologa le tsa makau a mangwe a e leng a mophato wa lona, lwa tloga lwa nthwesa molato fa pele ga kgosi.”
11
Ke fa Daniele a raya modiredi yo mookamedi wa badiredi a mo laodisitseng Daniele le Hananya le Mišaele le Asaria a re:
12
“A ko o leke batlhanka ba gago malatsi a le some! Re ke re fiwe merogo go e ja le metsi go a nwa!
13
A foo go bonwe tebego ya rona le tebego ya makau a a jang dijo tsa kgosi fa pele ga gago; jaanong foo o ka direla batlhanka ba gago ka fa o bonang ka teng.”
14
Lefoko leo la bone a le utlwa, a ba leka malatsi a le some.
15
Ya re malatsi a le some a sena go feta, ga fitlhelwa difatlhego tsa bone di le dintle, e bile ba akotse bogolo go makau a a jang dijo tsa kgosi.
16
Go tloga foo mookamedi a tlosa dijo tsa kgosi le weine e ba neng ba laotswe go e nwa, a ba jesa merogo.
17
Mme makau ao Modimo wa a naya kitso le temogo ya dikwalo tsotlhe le botlhale ka bone jwa ona; Daniele ene o ne a ba feta ka go tlhaloganya dipono tsa mefutafuta le ditoro.
18
Jaanong e rile malatsi a sena go feta a kgosi e a beileng gore ba tsenngwe tirong morago ga ona, mookamedi wa badiredi a ba isa mo teng fa pele ga Nebukatenesare.
19
Kgosi ya bua nabo. Mme ga bo go sa bonwe ope mo go bone botlhe yo o tshwanang le Daniele le Hananya le Mišaele le Asaria. Ke fa ba simolola go direla kgosi.
20
Mo mafokong otlhe a botlhale le kitso a kgosi e neng e a ba botsa, ya fitlhela ba gaisa batlhalefi botlhe le baitseanape ba ba mo pusong yotlhe ya yona gasome.
21
Daniele a nna teng go fitlhelela ngwageng wa ntlha wa kgosi Korese.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12