bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ezra 1
Ezra 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 2 →
1
Ka ngwaga wa ntlha wa ga Korese kgosi ya Peresia – e le go dirafatsa lefoko la Morena le o le buileng ka molomo wa ga Jeremia – Morena a tsosa mowa wa ga Korese kgosi ya Peresia, ya ba ya tlhaba mokgosi mo pusong yotlhe ya yona le ka dikwalo ya re:
2
“Korese kgosi ya Peresia o bua jaana a re: ‘Morena, Modimo wa legodimo, o nneile magosi otlhe a lefatshe, a ba a ntaela ka esi gore ke mo agele Ntlo kwa Jerusalema mo Juta.
3
Jaanong le fa e le mang mo go lona yo e leng wa morafe wa gagwe, a Modimo wa gagwe o nne nae; mme a a boele kwa Jerusalema yo o kwa Juta, a age Ntlo ya Morena, Modimo wa Iseraele. Ke ona Modimo o o kwa Jerusalema.
4
Mongwe le mongwe wa lesalela wa felo gongwe le gongwe kwa a jakang teng a batho ba gona ba mo thuse ka selefera le gouta le dithoto le diruiwa mmogo le dineo tsa lorato tsa Ntlo ya Modimo o o kwa Jerusalema.’ ”
5
Ke fa go nanoga ditlhogo tsa dikgoro tsa Juta le Benyamene le baperesiti le Balefi le mongwe le mongwe yo Modimo o tsositseng mowa wa gagwe, go boela le go aga Ntlo ya Morena yo o kwa Jerusalema.
6
Mme botlhe ba ba neng ba le mo tikologong ya bone ba tiisa mabogo a bone ka dilo tsa selefera le ka gouta le ka dithoto le ka diruiwa le ka dilo tse di tlhokegang kwa ntle ga dineo tsotlhe tsa bopelotshweu.
7
Dilo tsa Ntlo ya Morena tse Nebukatenesare o neng a di ntshitse kwa Jerusalema, a di baya mo tempeleng ya modimo wa gagwe, tsona kgosi Korese a di ntsha.
8
Korese kgosi ya Peresia a di neela mo diatleng tsa ga Mitheretathe, mookamedi wa dikhumo; ene a di bala, a di neela Sesebasare, mogogi wa Bajuta.
9
Palo ya tsona ke e: Megopo ya gouta e le 30, megopo ya selefera e le 1 000; dithipa di le 29,
10
dinwelo tsa gouta di le 30, dinwelo tsa selefera di le 410, dilwana tse dingwe di le 1 000.
11
Dilo tsotlhe tsa gouta le tsa selefera di ne di le 5 400. Tsotlhe tseo Sesebasare o tlile natso jale fa a ntsha batshwarwi kwa Babele, a ba isa kwa Jerusalema.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10