bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
James 2
James 2
Tswana Setswana 1970
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 3 →
1
Ba ga etsho, lo se ka lwa kopanya tumelo ya go dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete wa kgalalelo le go gobelelela batho.
2
Gonne fa mo phuthegong ya lona go ka tsena motho wa dipalamonwana tsa gouta, a apere seaparo se sentle, mme go be go tsena mohumanegi wa seaparo se se maswe,
3
mme fa lo tlhokomela yo o apereng seaparo se sentle lo re: “Wena nna fa bonnong jo bontle,” mme lo raya mohumanegi lo re: “Wena ema foo, gongwe o nne fa fatshe fa sebeong sa me sa dinao,”
4
a foo ga lo a dira pharologanyo mo go lona, lwa nna baatlhodi ba megopolo e e bosula?
5
Reetsang, ba ga etsho ba ba rategang: A Modimo ga o a itlhophela ba e leng bahumanegi mo lefatsheng go nna bahumi mo tumelong le barua-boswa ba puso e o e solofeditseng ba ba o ratang?
6
Mme lona lo tlotlolotse mohumanegi. A ga se bahumi ba ba lo patikang, ba ba lo gogelang kwa makgotleng a tsheko?
7
A ga se bone ba ba kgalang leina le lentle le lo biditsweng ka lone?
8
Kana fa lo dirafatsa tlhogo ya molao ka fa Lokwalong e e reng: “Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata,” lo tla bo lo dira sentle.
9
Mme fa lo gobelelela batho, lo dira boleo, lo supediwa ke molao gore lo batlodi.
10
Gonne le fa motho a ka tshegetsa molao otlhe, mme a tlola taolo e le nngwe fela, o molato mo go ona otlhe.
11
Gonne ene yo o buileng a re: “O se ka wa dira boaka,” e bile o rile: “O se ka wa bolaya.” Jaanong fa o sa dire boaka, mme o bolaya, o motlodi wa molao.
12
Buang lo bo lo dire jaaka lo le ba ba tla atlholwang ka molao wa kgololesego.
13
Gonne katlholo ga e nke e nna le kutlwelo-botlhoko mo go ene yo o neng a se na kutlwelo-botlhoko; mme kutlwelo-botlhoko e fenya tshekiso.
14
Ba ga etsho, go thusang fa motho a re, o na le tumelo, mme ditiro a se na natso? A tumelo eo e ka mo pholosa naa?
15
Fa mokeresete-ka-wena, monna gongwe mosadi, a tlhoka diaparo le dijo tsa letsatsi,
16
mme mongwe wa lona a ka ba raya a re: “Yaang ka kagiso, lo thuthafale, lo kgore,” mme lo sa ba fe dilo tse di batlegang mo mmeleng, go a bo go thusang?
17
Tumelo le yona jalo, fa e le yosi, e se na ditiro, e sule.
18
Jaanong motho o ka re: “Wena o na le tumelo, nna ke na le ditiro.” Mpontshe tumelo ya gago e e se nang ditiro, mme nna ke tla go bontsha tumelo ka ditiro tsa me.
19
Wena o dumela gore go na le Modimo o le mongwe fela; o dira sentle. Le medemone e dumela jalo, mme e a roroma.
20
Motho yo o bosilo ke wena. A o rata go itse gore tumelo e e se nang ditiro ga e ungwe?
21
Aborahame rraetsho a ga a a siamisiwa ka ditiro, fa a baya Isaka morwawe mo aletareng go nna setlhabelo?
22
Foo o ka bona gore tumelo e dirile mmogo le ditiro tsa gagwe, mme tumelo ya tlala ka ditiro.
23
Mme Lokwalo lwa dirafala lo lo reng: “Aborahame o ne a dumela Modimo, mme tumelo eo ya kaiwa tshiamo ya gagwe,” a ba a bidiwa tsala ya Modimo.
24
Lo ka bona ka tseo gore motho o siamisiwa ka ditiro, e seng ka tumelo fela.
25
Fela jalo le ene Rahabe wa seaka, a ga a a siamisiwa ka ditiro, ka a ne a tshola barongwi, a ba tshabisa ka tsela e sele?
26
Tumelo e sule, fa e se na ditiro, jaaka mmele o sule, fa o se na mowa.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5