bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Joel 1
Joel 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 2 →
1
Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Joele, morwa Phethuele, la re:
2
Utlwang, lona banna bagolo! Sekegang ditsebe, lona baagi botlhe ba lefatshe! A selo se, se kile sa dirafala mo metlheng ya lona, gongwe mo sebakeng sa borraeno?
3
Se boleleleng bana ba lona! Bana ba lona ba se bolelele bana ba bone! Bana ba bone ba se bolelele losika lo lo ba latelang!
4
Se se tlogetsweng ke boijane se jewa ke segongwane; se se tlogetsweng ke segongwane sa jewa ke molome; se se tlogetsweng ke molome sa jewa ke tsie.
5
Tsogang, lona matagwa, lo lele! Gwetlang lotlhe ba lo nwang weine ka ntlha ya matute a moweine, gonne a tlositswe mo melomong ya lona.
6
Gonne setšhaba se se thata se se se nang palo se tlile mo lefatsheng la me; meno a sona a tshwana le a tau; se na le meno a ditlhaa jaaka tau e namagadi.
7
Se sentse setlhare sa moweine sa me, se robile setlhare sa feie sa me, se se obotse makwati go gotlhe, sa a latlha. Dikala tsa sona di ditshweu.
8
Hutsafala jaaka lekgarebe le le apereng diaparo tsa khutsafalo, le le hutsafalelang monyadi wa lone.
9
Ditshupelo tsa dijo le dino di khutlisitswe mo Ntlong ya Morena; baperesiti, badiredi ba Morena, ba hutsafetse.
10
Naga e fetotswe sekaka, masimo a tlhomola pelo, gonne mabele a sentswe, matute a moweine a kgadile, lookwane lo fedile.
11
Balemi ba swabile, balemi ba meweine ba lela ka ntlha ya mabele le garase, gonne ga go na kotulo mo masimong.
12
Setlhare sa moweine se omeletse, sa feie se swabile; le sa garanata le sa mokolane le sa apole le ditlhare tsotlhe tsa naga di omeletse; boitumelo bo tlogile jalo mo bathong.
13
Itlameng, lo lele, lona baperesiti, lona badiredi ba aletare! Tlaang lo lale lo apere diaparo tsa khutsafalo, lona ba lo direlang Modimo wa me; gonne Ntlo ya Modimo wa lona e timiwa ditshupelo tsa dijo le dino.
14
Bayang sebaka sa go itima go ja, bitsang phuthego, lo phuthele banna bagolo le baagi botlhe ba lefatshe kwa Ntlong ya Morena, Modimo wa lona, lo goeleng kwa Moreneng.
15
Joo, letsatsi le, wee! Gonne letsatsi la Morena le gaufi; le tla tla jaaka kgatelelo e e tswang mo go Mong-wa-thata-yotlhe.
16
A dijo ga di a tlosiwa fa pele ga matlho a rona? A boitumelo le meduduetso ga di a tlosiwa mo Ntlong ya Modimo wa rona?
17
Dipeo di boletse mo mmung, difala ga di na sepe, matlo a mabele a rutlilwe; gonne mabele a swabile.
18
Diruiwa di lela jang! Matlhape a dikgomo a a kaila, ka a tlhoka mafulo; matsomane le ona a a bogisega.
19
Morena, ke kuela kwa go wena, gonne molelo o jele mafulo a naga; dikgabo tsa molelo di fisitse ditlhare tsotlhe tsa naga.
20
Diphologolo tsa naga le tsona di go nyoretswe; gonne dinoka tsa metsi di kgadile, mme molelo o jele mafulo a naga.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3