bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Jonah 2
Jonah 2
Tswana Setswana 1970
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 3 →
1
Jaanong Jona a rapela Morena, Modimo wa gagwe, a le mo mpeng ya tlhapi
2
a re: “Ke ne ka rapela Morena ke le mo tlalelong, mme a nkutlwa; ka goa ke le mo felong ga baswi, mme wa utlwa lentswe la me.
3
O ne o ntatlhetse kwa tengteng mo gare ga lewatle; morwalela o ne o ntikanyetsa. Dintelo tsotlhe tsa gago le makhubu a gago a metsi tsa feta godimo ga me.
4
Mme ke itheile ka re: ‘Ke lelekilwe ka tlosiwa fa pele ga gago. A ke tla tlhola ke bona Tempele e e Boitshepo ya gago gape?’
5
Metsi a ne a ntikaganyetsa, a batla go mpeta, morwalela o le mo tikologong ya me, motlhaka wa lewatle o ntharile tlhogo.
6
Ka fologela kwa metheong ya dithaba, ka tswalelwa ke lefatshe ka go sa feleng, mme wena o ntshitse bophelo jwa me mo bodibeng, Morena, Modimo wa me.
7
E rile mowa wa me o tlhoboga mo teng ga me, ka gakologelwa Morena; thapelo ya me ya fitlha koo go wena mo Tempeleng e e Boitshepo ya gago.
8
Ba ba tlotlang medimo ya boithamako, ba tlogela yo o bopelotlhomogi le bone.
9
Mme nna ke rata go go direla setlhabelo ka lentswe le le lebogang. Se ke se ikanetseng ke tla se dirafatsa. Thuso e mo Moreneng.”
10
Ke fa Morena a laola tlhapi gore e tlhatsetse Jona kwa lefatsheng.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4