bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Lamentations 1
Lamentations 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 2 →
1
Ao! O ntse jang o le osi motse o o neng o tletse batho! Mohumagadi wa ditšhaba o tshwana le motlholagadi; kgosi ya sesadi ya mafatshe e fetogile lelata!
2
O lala a lela ka bogalaka, dikeledi di mo ela marameng. Ga a na yo o mo gomotsang mo go botlhe ba ba mo ratileng. O tlogetswe ke ditsala tsotlhe; di mo fetogetse baba.
3
Juta o faletse dipogong ka ntlha ya botlhanka jo bo setlhogo. A ya go nna ditšhabeng, a tlhoka boikhutso. Babogisi botlhe ba gagwe ba mo tshwere, a le mo pitlaganong.
4
Ditsela tse di yang Sione di senya, ga go na ba ba yang kwa moletlong. Go sentswe dikgoro tsotlhe tsa gagwe, baperesiti ba gagwe ba a fegelwa. Makgarebe a gagwe a mo botlhokong, ene o ikutlwa bogalaka.
5
Baba ba gagwe ba a mmusa, dira tsa gagwe di mo boiketlong. Gonne o otlilwe ke Morena ka ntlha ya maleo a gagwe a magolo. Bana ba gagwe ba ile botshwarong, ba etelela mogateledi pele.
6
Kgalalelo yotlhe ya gagwe e timeletse morwadia Sione. Dikgosana tsa gagwe di tshwana le ditholo tse di sa boneng mafulo. Tsa tsamaya di lapile, di latelwa ke mmogisi.
7
Ka malatsi a dipogo le a botshwaro Jerusalema o gakologelwa dilo tsotlhe tsa gagwe tse di ntle tsa bogologolo, jale fa morafe wa gagwe o wela diatleng tsa mmaba, go se na yo o o thusang; baba ba ntse ba lebile, ba o tshega ka ntlha ya tatlhego ya ona.
8
Jerusalema a leofa thata, ke ka moo a fetogang maila. Ba ba mo tlotlileng ba mo nyatsa botlhe, ka ba mmonye a sa ikatega. A fegelwa ka esi, a nna fatshe a hulere.
9
Lesire la gagwe le maswe, a sa gopole kwa go iwang teng; a wa mo go boitshegang, a se na mogomotsi. “Pogo ya me e bone, Morena, gonne mmaba o a ikgantsha.”
10
Mmaba o ntshitse diatla, a tsaya tsotlhe tsa gagwe tse di thata go bonwa; gonne a bona baheitane ba tsena Tempeleng ya gagwe, ba o ba ileditseng go tsena phuthegong ya gago.
11
Morafe otlhe wa gagwe ke ba ba fegelwang, ba batla dijo. Ba ntshitse mahumo a bone go reka bogobe, ba tle ba duwe ke tlala. “Leba, Morena, o bone: Ruri, ke a nyatsega.”
12
“Heelang! Lona lotlhe, bafeti tseleng, lebang tlhe, lo bone: A go teng botlhoko jaaka jwa me jo bo ntirafaletseng jo ke otlilweng ke Morena ka jona ka letsatsi la bogale jo bo tukang jwa gagwe?
13
O rometse molelo a le kwa legodimong, wa ntsena marapong, a nkgona jalo. Maoto a me o a thaisitse ka letloa, a ntigela kwa morago; a ntira sekaka, a njesa bodutu malatsi aotlhe.
14
“Diatla tsa gagwe di dirile joko ka maleo a me, a logantswe; ka ba ka e bewa molaleng, ya mphetsa thata. Morena o nneetse diatleng tsa ba ke sa itseng go emelana nabo.
15
Dinatla tse ke neng ke na natso, Morena a di nyatsa tsotlhe. Moletlo o o mpolayang a o kua, wa tla go robaganya masogana a me. Morena a gata segatelo sa lekgarebe, morwadia Juta.
16
“Ke tsona tse ke di lelelang; leitlho la me, leitlho la me le ela dikeledi. Gonne mogomotsi o kgakala le nna, yo o ka ntapolosang. Go nyeleditswe bana ba me, gonne thata ke ya mmaba.”
17
Sione a ntsha mabogo, mme a tlhoka yo o mo gomotsang. Ba ba mo tikologong ya gagwe ba biditswe ke Morena go lwa le Jakobe. Jerusalema a fetoga tshotlego mo gare ga bone.
18
“Morena ene o siame, gonne ke ne ka ganetsa molomo wa gagwe. Lona ditšhaba tsotlhe, utlwang! Bonang matlhoko a me! Makgarebe a me le makau a me a ile botshwarong.
19
Ke biditse ba ba neng ba nthata, mme ba ne ba nkaketsa. Baperesiti ba me le bagolo ba me ba swetse mo motseng, jale fa ba ipatlela dijo, ba re ba intsha tlala, mme ba sa di bone.
20
“Morena, mpone ke le tlalelong, maikutlo a me a a huduega. Pelo ya me e pitikologile mo teng ga me, ka ke ne ke ganetsa thata. Tšhaka ya nkamoga bana mo mmileng le leroborobo mo ntlong.
21
Utlwa ke fegelwa, ke se na mogomotsi. Tatlhego ya me baba botlhe ba me ba a e itse, ba a thaba ba re: go dirile wena. Tlisa letsatsi leo o le begileng gore ba dirafalelwe ke tse di ntletseng.
22
Dibe tsa bone tsotlhe a di tle fa pele ga gago, o ba direle tse o di ntiretseng ka ntlha ya maleo otlhe a me. Ka gonne diphegelo tsa me di dintsi, go lwala pelo ya me.”
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5