bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Malachi 4
Malachi 4
Tswana Setswana 1970
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
1
“Gonne bonang, letsatsi le e tla le le tukang jaaka leiso, mme botlhe ba ba ikgogomosang le ba ba dirang tsa boikepo ba tla nna dirite; letsatsi le le tlang le tla ba fisa, le sa ba tlogelele modi le e seng kala,” go bua Morena wa masomosomo.
2
“Mme lona ba lo boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tla lo tlhabela, le na le kalafo mo diphukeng tsa lone, mme lo tla bolola, lo tlolaka jaaka dinamane tse di tswang mo sakeng.
3
Lo tla gataka baikepi, gonne ba tla nna molora ka fa tlase ga dipato tsa dinao tsa lona ka letsatsi le ke le etleetsang,” go bua Morena wa masomosomo.
4
“Gakologelwang molao wa ga Moše, motlhanka wa me, o ke o mo laetseng kwa Horebe go nna wa Baiseraele botlhe, e leng ditaolo le ditaelo.
5
“Bonang, ke tla lo romela moporofeti Elia, go ise go tle letsatsi la Morena le legolo, le le boitshegang.
6
Ene o tla busetsa dipelo tsa borra-bana kwa baneng le dipelo tsa bana kwa go borraabone, e se re gongwe ka tla, ka itaya lefatshe ka khutso.” mafoko a dikwalo tsa kgolagano e kgologolo a felela fa. MAFOKO A DIKWALO TSA KGOLAGANO E KGOLOGOLO A FELELA FA.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
All chapters:
1
2
3
4