bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Nahum 2
Nahum 2
Tswana Setswana 1970
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 3 →
1
Go bolotse mophatlakanyi, a go tsogela, Ninife; disa dikago tsa phemelo, ò tlhole baba mo tseleng, ò tiise letheka la gago, ò thatafatse nonofo segolo.
2
Gonne Morena o tla busa kgalalelo ya Jakobe le kgalalelo ya Iseraele; gonne dinokwane di ba thukhuthile, tsa senya dikala tsa meweine ya bone.
3
Dithebe tsa bagale ba gagwe di hubiditswe, batlhabani ba apere bohibidu; tshipi ya dikoloi tsa ntwa e phatsima jaaka molelo ka letsatsi le o di baakanyang ka lone, mme marumo a a kgadikanngwa.
4
Dikoloi di taboga ka lobelo lo logolo mo mekgwatheng, di fapaakana mo dipatlelong; di bonala jaaka dirumola, di taboga di boa jaaka dikgadima.
5
E tla bitsa bagale ba yona, mme ba tla kgotšwa mo ditseleng tsa bone; ba itlhaganela ba ya kwa loboteng lwa motse, mme leobo la tlhaselo le setse le baakantswe.
6
Dikgoro tsa dinoka di bulegile; ntlo ya borena e a nyelela.
7
Mohumagadi Husabe o a apolwa, o a tlosiwa; malata a gagwe a lela jaaka maeba, a ithwala megono.
8
Ninife o tshwana le letsha la metsi le metsi a lone a tshabang. Le fa go twe: “Emang tlhe, emang!” Ga go na ope yo o retologang.
9
Thopang selefera, thopang gouta! Dithoto ga di fele. Go na le bontsi jwa mefutafuta jwa dilo tse di eletsegang.
10
Ninife o thukhuthilwe, ga go na sepe, o ntshitswe sekaka. Ba nyemile moko, mangole a a tetesela, matheka otlhe a botlhoko; ba botlhe ba swabile difatlhego.
11
Jaanong kutla ya ditau e kae? Bo kae bojelo jwa ditawana kwa tau e tona le e namagadi le tawana di neng di itsamaela teng go se yo o di tshosang?
12
E kae tau e e neng e gagogela ditawana ka fa go lekanyeng ka teng, e bolaela ditau tse dinamagadi; e tlatsa dikutla tsa yona thopo, le marobalo a yona tse e di gagotseng?
13
“Bona, ke tla go tsogela,” go bua Morena wa masomosomo. “Dikoloi tsa gago ke tla di fisa ka molelo, di nyelela mo musing. Tšhaka e tla ja ditawana tsa gago, ke tla khutlisa go thopa ga gago mo lefatsheng. Ga go nke go tlhola go utlwiwa lentswe la barongwi ba gago.”
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3