bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ruth 1
Ruth 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 2 →
1
E rile ka malatsi a puso ya baatlhodi ga nna tlala mo lefatsheng. Ke fa monna mongwe wa kwa Betleheme wa Juta a ya go jaka kwa nageng ya Moabe, ene le mosadi wa gagwe le bomorwawe ka bobedi.
2
Leina la monna yoo e ne e le Elimelege, leina la mosadi wa gagwe e le Naomi, maina a bomorwawe ba babedi e le Magelone le Kileone. E ne e le Baeferathi ba Betleheme wa Juta. Jaanong ba fitlha kwa nageng ya Moabe, ba nna teng.
3
Mme Elimelege monna wa ga Naomi a swa, ga sala Naomi le bomorwawe ba babedi.
4
Bone ba nyala basadi ba Bamoabe; leina la mongwe e le Orepha, leina la yo mongwe e le Ruthe. Ya re ba sena go nna teng dinyaga tse e ka nnang di le some,
5
ga ba ga swa Magelone le Kileone ka bobedi jwa bone; mosadi a sala a tlogetswe ke bana ba babedi ba gagwe le monna wa gagwe.
6
Jaanong a nanoga a na le betsi ba gagwe, a boa kwa nageng ya Moabe; gonne o ne a utlwetse mo nageng ya Moabe ga twe, Morena o babaletse batho ba gagwe, a ba naya dijo.
7
A tloga kwa felong fa a neng a le teng, betsi ba babedi ba gagwe ba na nae. Ya re ba le mo tseleng go boela kwa lefatsheng la Juta,
8
Naomi a raya betsi ba babedi ba gagwe a re: “Yaang lo boele kwa gae, mongwe le mongwe kwa lapeng la ga mmaagwe. A Morena a lo direle ka lorato jaaka lo diretse baswi le nna.
9
A Morena a lo thuse go bona boikhutso, mongwe le mongwe mo lapeng la monna wa gagwe.” A ba a ba atla. Ke fa ba tsholetsa mantswe ba lela,
10
ba mo raya ba re: “Nnyaya, re tla boela nao kwa morafeng wa ga eno.”
11
Mme Naomi a re: “Boang, bomorwadiaka! Lo ka elang le nna? A lo a re, ke sa ntse ke ka belega bomorwa go nna banna ba lona?
12
Boang, bomorwadiaka, lo ye kwa gae. Gonne ke tsofetse, mo ke sa ka keng ka tlhola ke nyalwa ke monna. Le fa nka re, ke na le tsholofelo, ka tsewa ke monna bosigo jo, ka belega bomorwa:
13
A lo ka ba leta go tsamaya ba gola? A lo ka ithibelela nyalo ka ntlha ya bone? Nnyaya, bomorwadiaka! Kana ke lo tlhomogela pelo thata, ka e le fa letsogo la Morena le nkotlile.”
14
Ke fa ba tsholetsa mantswe, ba lela gape; mme Orepha a atla matsalaagwe, a boela kwa morafeng wa ga gabo. Ruthe ene a mo ngaparela.
15
Ke fa Naomi a re: “Bona, monnao o boetse kwa morafeng wa ga gabo le kwa modimong wa ga gabo. Le wena, boa o latele monnao.”
16
Mme Ruthe a re: “Se nkemelele gore ke go tlogele, ke boe ke se ye nao. Gonne kwa o yang teng, ke tla ya teng; kwa o nnang teng, ke tla nna teng. Morafe wa ga eno ke morafe wa ga etsho. Modimo wa gago ke Modimo wa me.
17
Kwa o swelang teng, ke tla swela teng, ke be ke fitlhwa gona. Le fa Morena a ka ntirela jang le jang – ke loso fela lo lo ka nkgaoganyang nao.”
18
Ya re Naomi a lemoga gore Ruthe o ikaeletse ka tlhomamo go ya nae, a khutla go bua nae.
19
Bone babedi ba fetela pele go ya ba tsena mo Betleheme; mme ya re ba fitlha mo Betleheme, motse otlhe wa huduega ka ntlha ya bone. Basadi ba re: “A ke ene Naomi?”
20
Mme a ba raya a re: “Se mpitseng Naomi. Mpitseng Mara. Gonne Mong-wa-thata-yotlhe o ntiretse tse di galakang thata.
21
Ke hudugile ke humile; Morena a mpusetsa kwano gae ke iphotlhere. Lo mpiletsang Naomi, ka e le fa Morena a supile molato mo go nna; Mong-wa-thata-yotlhe a nkutlwisa botlhoko.”
22
Naomi o ne a boela jalo kwa gae, a na le ngwetsi wa gagwe, Ruthe wa Moabe yo o neng a boile nae kwa nageng ya Moabe. Ba fitlha mo Betleheme ka tshimologo ya thobo ya garase.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4