bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Titus 3
Titus 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
1
O ba gakolole gore ba ikokobeletse mebuso e e laolang, ba e utlwe, ba etleetsegele tiro nngwe le nngwe e e molemo,
2
ba se kgale ope, ba se batle kgang, mme ba nne bopelontle, ba itshupe ka bonolo jotlhe mo bathong botlhe.
3
Gonne le rona re kile ra bo re le bosilo, re sa utlwe, re timetse, re direla dikeletso le dikgatlhego dingwe le dingwe, re phela ka bosula le ka lefufa, re ilega, re tlhoanye.
4
Mme e rile go bonala bopelontle jwa Modimo, Morepholosi, le go rata batho ga ona,
5
wa re pholosa, e seng ka ntlha ya ditiro tsa tshiamo tse rona re di dirileng, mme e le ka fa boutlwelong-botlhoko jwa ona ka tlhapo ya go tsalwa gape le ka ntšhwafatso ya Mowa o o Boitshepo
6
o o o goromeditseng mo go rona ka Jesu Keresete, Morepholosi,
7
gore e tle e re fa re sena go siamisiwa ka bopelotlhomogi jwa ona, re nne barua-boswa ba botshelo jo bo sa khutleng jo re bo solofelang.
8
Lefoko leo ke le le ikanyegang. Mme ke rata gore dilo tseo o di bolele ka tlhomamo gore ba ba dumetseng mo Modimong ba tlhoafalele go dira ditiro tse di molemo. Dilo tseo di siame, e bile di thusa batho.
9
Mme o katoge dipotso tsa bosilo le dithulaganyo tsa maina a ditshika le dikgang le dikganetsanyo ka ga molao; gonne ga di thuse sepe, ke tsa boithamako fela.
10
Motho yo o simololang kereke ya maitirelo e re fa o sena go mo tlhagisa gangwe gongwe gabedi, a gana, o mo tlogele,
11
ka o itse gore yo o ntseng jalo o kgopo, o a leofa; o bile o ikatlhotse.
12
E re fa ke romela Aretema gongwe Tigiko koo go wena, o itlhaganele go tla go nna kwano Nikopodi; gonne ke ikaeletse go dika mariga teng.
13
Senase, moitse-molao, le Apolo o ba thuse ka tlhoafalo go ka etela pele, gore ba se ka ba tlhoka sepe.
14
A ba ga rona le bone ba ithute go nna tlhaga mo ditirong tse di molemo go thusa ka tse di batlegang gore ba se nne ba ba sa ungweng sepe.
15
Botlhe ba ke nang nabo ba a go dumedisa. Ntumedisetsa ba ba re ratang mo tumelong. A bopelothomogi bo nne le lona lotlhe! Amen.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
All chapters:
1
2
3