bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Thessalonians 3
2 Thessalonians 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
1
Sa bofelo, bagaetsho, lo re rapelele, gore lefoko la Morena le siane, le galalediwe, fela jaaka le ntse mo go lona,
2
le gore re gololwe mo bathong ba ba se nang megopolo, le ba ba bosula, gonne batho ga ba na tumelo botlhe.
3
Morena o boikanngo, yo o tlaa lo tlhomamisang, a ba a lo dibela mo go yo o bosula.
4
Re ikantse mo Moreneng ka ga lona, gore lo ntse lo a dira, le gone lo tlaa nna lo dira dilo tse re di laolang.
5
A Morena a gogele dipelo tsa lona mo loratong lwa Modimo, le mo bopeloteleleng jwa ga Keresete.
6
Jaana re a lo laola, bagaetsho, mo ineng la Morena wa rona Jesu Keresete, gore lo ikgoge mo go mokaulengwe mongwe le mongwe yo o tsamayang ka go tlhokomologa molao, a sa tsamaye ka fa dipolelong tse ba di amogetseng mo go rona.
7
Gonne lo a itse ka losi ka fa lo tshwanetseng go etsa rona ka teng, gonne ga re a ka ra dira ka go tlhokomologa molao mo go lona;
8
le gone ga re a ka ra jela motho ope dijo ka lefela, fa e se ka mofufutso le thekisego, re dira bosigo le motshegare, gore re se ka ra imela ope wa lona.
9
Ga se go re, ga re na tshiamelo ya gone, e le go re re itire sekao mo go lona, gore lo etse rona.
10
Gonne le e rile re le mo go lona, ra lo laola jalo ra re: Fa mongwe a gana go dira, le gone a se ka a ja.
11
Gonne re utlwa ka ga bangwe ba ba tsamayang ka go tlhokomologa molao mo go lona, ba ba se keng ba dira gope, mme e le balotlhanyi fela.
12
Jaana ba ba ntseng jalo re a ba laola, re ba re ba laya mo ineng la Morena Jesu Keresete, gore ba dire ka tidimalo, ba je dijo tse e leng tsa bone.
13
Mme lona, bagaetsho, lo se ka lwa lapa mo go direng molemo.
14
Fa motho mongwe a sa utlwe lefoko la rona ka lokwalo lo, lo ele motho yoo tlhoko, gore lo se nne bokopano nae, gore a tlhajwe ke ditlhong.
15
Le fa go ntse jalo lo se ka lwa mo kaya mmaba, mme lo mo tlhagise jaaka mokaulengwe.
16
Jaana a Morena wa kagiso ka esi a lo neye kagiso ka metlha yotlhe, ka mekgwa yotlhe. A Morena a nne le lona lotlhe.
17
Tumediso ya me ke le Paulo e kwadilwe ka seatla sa me, se e leng sone sesupo mo lokwalong longwe le longwe, ke kwala fela jalo.
18
A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
All chapters:
1
2
3