bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ephesians 1
Ephesians 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 2 →
1
Ke nna Paulo, ke moaposetole wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo; ke kwalela baitshepi ba ba kwa Efeso, le badumedi mo go Keresete Jesu.
2
Ka re: Tshegofatso e nne le lona, le kagiso e e tswang Modimong Rraetsho le Morena Jesu Keresete.
3
A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, o o re segofaditseng ka masego otlhe a semowa mo mannong a sele godimo mo go Keresete.
4
Fela jaaka o sa le o re itshenkela mo go ene pele ga motheo wa lefatshe, gore re nne boitshepo le botlhoka bogole fa pele ga one mo loratong,
5
ka o re laoletse gale, gore re bone boemo jwa bongwana ka Jesu Keresete, ka fa go rateng ga one,
6
gore re nne pako ya kgalalelo ya tshegofatso ya one, e o e re neileng fela mo go ene Moratwi.
7
Re na le thekololo ya rona mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, ka fa dikhumong tsa tshegofatso ya one,
8
e o e re totiseditseng ka botlhale jotlhe le matsetseleko.
9
O re itsisitse bosaitsiweng jwa go rata ga one, ka fa go kgatlhegeng ga one, mo o go ikaeleletseng,
10
jwa go fitlhisa sebaka sa botlalo jwa metlha mo go ene, go tla o sopanyetsa dilo tsotlhe mo go Keresete, e bong dilo tse di kwa magodimong, le dilo tse di mo lefatsheng; ka re, mo go ene.
11
Le rona re bileng ra dirwa boswa mo go ene, ka re go laoletswe gale ka fa boikaelelong jwa one o o dirang dilo tsotlhe ka fa kgakololong ya go rata ga one;
12
gore re nne pako ya kgalalelo ya one, e bong rona ba re ntseng re solofetse mo go Keresete gale.
13
Le lona ka lo utlwile lefoko la boammaaruri, e bong Mafoko a a Molemo a poloko ya lona, ka re, yo e rileng ka lo bile lo dumetse mo go ene, lwa kanelwa mo go ene ka Mowa o o Boitshepo wa polelo ya tsholofetso,
14
se e leng sebeelelo sa boswa jwa rona, go isa thekololong ya boswa jo e leng jwa Modimo, go isa pakong ya kgalalelo ya one.
15
Ke gone ka moo, le nna ke sena go utlwa ka ga tumelo e e mo go lona mo go Morena Jesu, e lo bileng lo e bonatsa mo baitsheping botlhe,
16
ke sa khutleng go lo lebogela, ke lo umaka mo merapelong ya me;
17
gore Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, le Rara wa kgalalelo, a ke a lo neye mowa wa botlhale le wa tshenolelo mo kitsong ya one.
18
Ka jaana matlho a dipelo tsa lona a sedifaditswe; lo ko lo itse e e leng tsholofetso ya pitso ya one, le e e leng letlotlo la kgalalelo ya boswa jwa one mo baitsheping.
19
Le jo e leng bogolo jo bo feteletseng jwa thata ya one ntlheng ya rona ba re dumetseng, ka fa go direng ga thata ya nonofo ya one.
20
Mo o go dirileng mo go Keresete, ka o mo tsosa mo baswing, wa mo dudisa ka fa letsogong la one le legolo mo mannong a selegodimo.
21
Kwa godimodimo ga puso yotlhe, le taolo, le thata le bogosi, le maina otlhe a a rewang, e seng mo fatsheng leno losi, e leng le mo go le le tlang,
22
mme wa baya dilo tsotlhe mo taolong fa tlase ga dinao tsa gagwe, wa mo neela phuthego gore a nne tlhogo ya dilo tsotlhe.
23
Phuthego ke mmele wa gagwe, botlalo jwa gagwe yo o tlatsang dilo tsotlhe mo go gotlhe fela.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6