bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Habakkuk 3
Habakkuk 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
1
Morapelo wa ga Habakuke moperofeti, o o rulaganyeditsweng Shigionothe.
2
Jehofa, ke utlwile tumedi ya gago, mme ka boifa; Jehofa rudisa tiro ya gago mo gare ga dinyaga, mo gare ga dinyaga o dire gore e itsiwe; o re o le bogale o gakologelwe boutlwelobotlhoko.
3
Modimo o ne wa tswa kwa Temane, le Moitshepi kwa thabeng ya Parane. Sela. Kgalalelo ya gagwe ya apesa magodimo, le lefatshe la tlala pako ya gagwe.
4
Le phatsimo ya gagwe e ne e ntse jaaka lesedi; go ne go tswa marang mo seatleng sa gagwe; le go sujwa ga nonofo ya gagwe go ne go le teng.
5
Kgogodi ya mo etelela pele, le melelo ya tladi ya tlapana ya tswa fa dinaong tsa gagwe.
6
A ema, a lekanya lefatshe; a leba, mme a phatlalatsa merafe; le dithaba tsa bosakhutleng tsa faladiwa, le makhubu a a sa yeng kae a ikoba; ditsamao tsa gagwe di ne di ntse jaaka bogologolo.
7
Ka bona megope ya Kušane e le mo pitlaganong; dilepelelo tsa lefatshe la Midiane tsa tetesela.
8
A Jehofa o ne a itumologela dinoka? A o ne o le bogale le dinoka, kgotsa a o ne o gakaletse lewatle, fa e bo ne ne o ne o palame dipitse tsa gago, o palame dikara tsa gago tsa poloka?
9
Bora jwa gago bo ne bo senoletswe ruri, maikanelo a ditso e le lefoko la tlhomamo. Sela. O ne wa tsetsereganya lefatshe ka dinoka.
10
Dithaba tsa go bona, mme tsa boifa; morwalela o o makhubukhubu wa feta; boteng jwa ntsha kodu, jwa tsholeletsa mabogo godimo.
11
Letsatsi la ema mo bonnong jwa lone, le yone kgwedi; ka lesedi la metswi ya gago ka e hulega, ka phatsimo ya lerumo la gago le le galalelang.
12
O ne wa ralala lefatshe ka kgakalo, wa photha merafe, o le bogale.
13
Wa tswela poloko ya batho ba gago, poloko ya ba gago ba ba tloditsweng, wa ntsha tlhogo ya ntlo ya baikepi ntho, wa senola motheo go ya fela kwa thamong. Sela.
14
O ne wa phunya yo o leng tlhogo ya batlhabani ba gagwe ka marumo a gagwe fela; ba ne ba tsile jaaka setsuatsue go mphalatsa; go duduetsa ga bone go ne go ntse jaaka e kete ga go jela ruri bahumanegi ka bosaitsiweng.
15
O ne wa gata lewatle ka dipitse tsa gago, e bong mokoa wa metsi a a thata.
16
Ka utlwa, mme mpa ya me ya roroma, dipounama tsa me tsa tlakaselela lentswe; go nyera ga ntsena mo marapong, ka roroma mo felong ga me; ka go lebelela motlha wa tlalelo, mogang o bololelang batho, e bong ene yo o mo tlhaselang a le ditlhophatlhopha.
17
Gonne le fa mofeige o se ketla o thunya, le fa go tlaa bo go se na loungo mo mafineng; tiro ya motlhware e ka tla ya tlhaela, le matlhagare a se ka a ntsha dijo; letsomane le ka tla la kgaolwa mo lesakaneng, mme go se ka ga dirana le matlhape mo marakeng.
18
Le fa go ntse jalo ke tlaa itumela mo go Jehofa, ke tlaa ipela mo Modimong wa poloko ya me.
19
Jehofa, Morena, ke thata ya me, o dira dinao tsa me di nna jaaka maoto a tshephe, o tlaa ntsamaisa mo mafelong a me a a godimo. Go diretswe moopedi yo mogolo mo diletsong tsa me tse di ditlhale.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
All chapters:
1
2
3