bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Malachi 4
Malachi 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
1
“Gonne motlha o etla, o tuka jaaka leiso la boubelo; botlhe ba ba bokaka, le botlhe ba ba dirang boikepo ba tlaa nna dirine; motlha o o tlang o tlaa ba laila,” go bua Jehofa wa masomosomo, “ga o ketla o ba tlogelela le fa e le motswe kgotsa kala.
2
Mme lona lo boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tlaa lo tlhabela, ka phodiso mo diphukeng tsa lone; mme lo tswela kwa ntle, lo kalapa jaaka dinamane tsa lesaka.
3
Lo tlaa gataka baikepi; gonne ba tlaa nna melora fa tlase ga dinao tsa lona mo motlheng o ke dirang selo se ka one,” go bua Jehofa wa masomosomo.
4
“Gakologelwang molao wa ga Moše motlhanka wa me, o ke o mo laoletseng kwa Horebe ka ga Baiseraele botlhe, e bong ditao le dikatlholo.
5
“Bonang, ke tlaa roma Elija moperofeti kwa go lona pele, motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle.
6
Mme o tlaa sokololela pelo ya borrabana mo baneng ba bone, le pelo ya bana kwa go borraabo; e se re kgotsa ka tla, mme ka itaya lefatshe ka phutso.”
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
All chapters:
1
2
3
4