bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Nahum 3
Nahum 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
1
A bo go latlhega motse o o madimadi! O tletse maaka le thubakanyo; go thopa ga go tloge.
2
Go thwanya ga seme le kgwaso ya leratla la maoto a dikara; le mesito ya dipitse, le dikara tse di tlolakang;
3
go sotlhomela ga ba ba palameng dipitse, le tšhaka e e bebenyang, le lerumo le le phatsimang; le bontsi jo bo bolailweng, le mokoa o mogolo wa ditoto; mme ga go na bokhutlo jwa direpa; ba kgopiwa ke direpa tsa bone;
4
ka ntlha ya bontsi jwa maakafalo a seaka se se otlilweng sentle, mong wa ditoo, yo o rekisang merafe ka maakafalo a gagwe, le ditshika ka ditoo tsa gagwe.
5
“Bona, ke tlhabana nao,” go bua Jehofa wa masomosomo, “Ke tlaa go tsodisa mesese fa pele ga sefatlhogo sa gago; ke tlaa supetsa merafe bosaikategang jwa gago, le magosi ditlhong tsa gago.
6
Ke tlaa marela mo go wena leswe le le makgapha, ke tlaa go dira makgamatha, ke tlaa go baya selebo fela sa batho.
7
Mme go tlaa dirala, go re, botlhe ba ba go lebang ba tlaa tshaba ba tswa fa go wena ba re: ‘Ninefe o kgakgabaditswe; e mang yo o tlaa mo lelelang?’ Ke tlaa go batlela kae bagomotsi?”
8
A o gaisa Noamone ka molemo; yo o ne a le mo gare ga dinoka, yo o ne a tsentswe gare ke metse; o phemelo ya one e neng e le lewatle, le lorako lwa one e le metsi a lewatle?
9
Ethiopia le Egepeto e le thata ya one, e ne e se na bokankabetso; Pute le Lubime e le bathusi ba gago.
10
Le fa go ntse jalo a tlosiwa, a ya botshwarong; le banyana ba gagwe ba ne ba phatlakanngwa kwa dibaeng tsotlhe tsa mebila; ba thelela banna ba gagwe ba ba tlotlegang bola, banna botlhe ba gagwe ba batona ba ne ba golegwa ka diketane.
11
Le wena o tlaa tagwa, o tlaa sujwa; le wena o tlaa batla kago ya phemelo e e thata ka ntlha ya mmaba.
12
Dikago tsa gago tsa phemelo tsotlhe di tlaa nna jaaka ditlhare tsa difeige fa di udubadiwa di wela mo ganong la moji.
13
Bona, batho ba gago ba ba mo gare ga gago ke basadi fela; dikgoro tsa lefatshe la gago di atlhametse baba ba gago fela; molelo o jele mephakalego ya gago.
14
Ikgele tlhaselo metsi, o thatafatse dikago tsa gago tsa tlhabano; tsena mo seretseng, o gate seretse, o thatafatse pesetso ya makote.
15
Molelo o tlaa go laila teng; tšhaka e tlaa go kgaola, e tlaa go ja jaaka boijane; o itire bontsi jaaka boijane, o itire bontsi jaaka tsie.
16
O ntsifaditse babapaledi ba gago go feta dinaledi tsa legodimo; boijane bo a senya, bo tloge bo fofele koo.
17
Ba gago ba ba rwesitsweng ba ntse jaaka tsie, le bakwadi ba gago ba ntse jaaka masogodi a tsiakgope, a a thibelelang mo dikgoreng fa go le tsididi, mme mogang letsatsi le tlhabang a fofele koo, mme felo ga one kwa a nnang teng ga go itsiwe.
18
Badisa ba gago ba a otsela, wena kgosi ya Asiria; ba ba itsegeng ba gago ba a ikhutsa; batho ba gago ba falaletse mo dithabeng, mme ga go na ope yo o tlaa ba phuthang.
19
Ga go na go tsidifatsa ntho ya gago; ntho ya gago e botlhoko thata; botlhe ba ba utlwang tumedi ya gago, ba go opela diatla; gonne go na le mang yo boikepo jwa gago bo sa tleng mo go ene ka metlha yotlhe?
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
All chapters:
1
2
3