bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
/
Hebrews 1
Hebrews 1
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 2 →
1
MORIMO o o loa bua mo metleñ ea bogolugolu le bo‐rra ka baperofeti mo mekhueñ e mentsi, le ka gantsi,
2
O buile le rona mo metsiñ enu ea morago, ka Moroa ona, eo o mo laotseñ go na Morena oa lilo cotle, eo le ena, o lo oa riha mahatsi ka ena;
3
Eo, ereñ ka e le marañ a khalalelo ea ona, le cuano ea amarure ea boikemo yoa ona, mi a laola lilo cotle ka huku ye le thata ea gague, o rile a sina itsephisa libe tsa rona ka ena ka esi, a lula mo atleñ se se siameñ sa Mogalaleri mo bogorimoñ bogolu.
4
Ka a gorisicoe bogolu go baengele, ka a bonye ka boshua leina ye le bonatla bogolu go bona.
5
Gone o loa raea moeñgele ohe oa baengele leñ, U Moroake, ki gu tsetse gompienu? Mi gape, Ki tla na rague, mi o tla na Moroake?
6
Mi gape o rile o bo o lere motsaloi oa ntla oa ona mo lehatsiñ, oa re, A baengele botle ba Morimo ba mo obamele.
7
Mi kaga baengele o re, O o rihañ baengele ba ona lipheho, le bariheri ba ona khabo ea molelo.
8
Mi go Moroa, o re, Serulo sa bogosi sa gago, Morimo, se ka bosina bokhutlo yotle; tsama ea bogosi yoa gago ki tsama ea tsiamo.
9
U lu ua rata tsiamo, mi u lu ua ila tsiamololo; ki gona Morimo, Morimo oa gago, o gu tloritseñ ka loukuane loa boitumelo bogolu go lilekane tsa gago.
10
Mi, Uena, Yehova, u lu ua thaea methao ea lehatse mo tsimologoñ, mi magorimo ki tiho ea atla tsa gago.
11
A tla nyelela, mi u tla sala; a tla cohala aotle yaka seaparo,
12
Mi u tla a mena yaka kobo, mi a tla onala; mi uena u sa le ena, mi nyaga tsa gago ga li kitla li khutla.
13
Le gona o kile o raea moñue oa baengele leñ, Lula ha atleñ sa me se se siameñ, ki tle ki tsamaee ki rihe baba ba gago serulo sa nao tsa gago?
14
Botle a ga ba meoea e e rihelañ, e e romecoeñ go thusa bona ba ba tla nañ ba boshua yoa puluko.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13