bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
/
Hebrews 4
Hebrews 4
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 5 →
1
KI gona, a re itiseñ, ka pulelelo‐pele e sa leeo go tsena mo khucoñ ea gague, gore e si re khotsa moñue oa lona a e tlaela.
2
Gone evangelio e la ea rereloa rona, yaka bona; mi lehuku ye ba le rerecoeñ ga lea ka ya ba riha molemo, ka le sa tlakañoe le tumelo mo go ba ba le ba le utlua.
3
Gone rona ba re rumelañ rea tsena mo khucoñ; yaka a buile, Ki ikane yalo ka bogale yoa me, ba ba sa rumeleñ ga ba kitla ba tsena mo khucoñ ea me; eboñ ea litiho tse ri uericoeñ motheo oa lehatse o sina beoa.
4
Gone o bua yalo mo heloñ goñue, ga tsatsi ya bo‐seven, Mi Morimo o loa ikhutsa mo tihoñ cotle tsa ona ka tsatsi ya bo‐seven.
5
Gape mo mokhueñ o, Ga ba kitla ba tsena mo khucoñ ea me.
6
A ereka go na le bañue ba ba tla tsenañ mo khucoñ e, mi ba evangelio ba e rerecoeñ pele, ga ba ka ba tsena ka ntla ea go bisa go rumela ga bona,
7
Ki gona o bileñ oa laolela tsatsi leñue, ka o lo oa bua ka Davide, Gompienu, morago ga motla o molele; yaka go tua, Gompienu, ka lo sa utlua koru ea ona, si thatahatseñ pelu tsa lona.
8
Mi yana ha Yehoshue a la a ba neile khuco, o kabo o si ka oa bua ga tsatsi ye leñue.
9
Ki gona khuco e salelañ bathu ba Morimo.
10
Gone eo o tsenyeñ mo khucoñ ea ona, le ena o khutlile mo tihoñ tsa gague, yaka Morimo mo go tsa ona;
11
Ki gona a re ganeleñ go tsena mo khucoñ e, gore go si ne ope eo o latlegañ yaka sekao seuo, ka ntla ea go bisa go rumela.
12
Gone lehuku ya Morimo le tserile, le thata, mi le bogale bogolu go caka e magale ma tu, le tlaba le go khaoganya botselo le moea, le litokololo le moko; mi lea sekisa likhopolo le maikaelelo a pelu;
13
Mi ga go sepe se se shubiloeñ ha pele ga ona, mi lilo cotle ga lia ikatega, mi li senogile ha pele ga maitlo a ona o re tla o ikarabelañ.
14
Ere ka re na le moperiseti eo mogolu bogolu eo o phololetseñ magorimoñ, eboñ Yesu Moroa Morimo, a re tsegetseñ boipobolo yoa rona.
15
Gone ga re na moperiseti eo mogolu eo o sa kakeñ a utluela makoa a rona botluku; mi re na le moñue eo o la a raeloa ki cotle yaka rona, leha gontse yalo a sina boleo.
16
Ki gona a re atameleñ serulo sa tsegohaco ka pelukhale, gore re bone boicuarelo, le go bona tsegohaco e e tla re thusañ mo motleñ oa botloko.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13