bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 John 1
1 John 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 2 →
1
Re lo anegela se se neng se le teng go tloga tshimologong, se re se utlwileng, se re se bonyeng ka matlho a rona, se re se lebileng, se diatla tsa rona di se fophotseng, e bong sa Lefoko la botshelo –
2
mme botshelo bo bonetse, re bile re bo bonye; re a supa, re lo begela botshelo jo bo sa khutleng, jo bo neng bo le fa go Rara, mme bo re bonatsegetse. –
3
Se re se bonyeng, ra se utlwa, le lona re a se lo rerela gore le lona lo nne le kopano le rona; mme kana kabelano ya rona ke ya go kopana le Rara le Jesu Keresete Morwawe.
4
Dilo tse re di lo kwalela gore boitumelo jwa lona e nne jo bo tletseng.
5
Molaetsa o re o utlwileng mo go ene, o e bileng re o lo begela ke wa go re: Modimo ke lesedi, mme ga go na lefifi lepe mo go ona.
6
Fa re re, re na le kopano le ona, mme re tsamaya mo lefifing, re a aka, ga re dire boammaaruri.
7
Mme fa re tsamaya mo leseding jaaka ona o le mo leseding, re na le kopano mongwe le yo mongwe, e bile madi a ga Jesu Keresete, Morwaa-ona, a re itshekisa boleo jotlhe.
8
Fa re re, ga re na boleo, re a itsietsa, mme boammaaruri ga bo yo mo go rona,
9
mme fa re ipobola maleo a rona, ona o boikanyo le tshiamo go re itshwarela maleo le go re itshekisa tshiamololo yotlhe.
10
Fa re re, ga re a leofa, re o dira moaki, mme Lefoko la ona ga le yo mo go rona.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5