bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 John 5
1 John 5
Tswana Setswana 1970
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
1
Mongwe le mongwe yo o dumelang gore Jesu ke ene Keresete o tsetswe ke Modimo; mme mongwe le mongwe yo o ratang one o o tsetseng, e bile o rata ba ba tsetsweng ke one.
2
Se re itseng ka sona gore re rata bana ba Modimo ke fa re rata Modimo, re be re dirafatsa ditaolo tsa ona.
3
Gonne lorato lwa go rata Modimo ke fa re tshegetsa ditaolo tsa ona, mme ditaolo tsa ona ga di thata.
4
Gonne botlhe ba ba tsetsweng ke Modimo ba fenya lefatshe; mme tumelo ya rona ke yona phenyo e e fentseng lefatshe.
5
Mme ke mang yo o fenyang lefatshe fa e se ene yo o dumelang gore Jesu ke Morwa Modimo?
6
Yo ke ene yo o tsileng ka metsi le madi, Jesu Keresete, e seng ka metsi a le osi, mme e le ka metsi le madi. Mme Mowa ke one o o supang, gonne Mowa ke boammaaruri.
7
Gonne go ba bararo ba ba supang,
8
e bong Mowa le metsi le madi; boraro jo, bo supela gongwe.
9
Fa re tshola tshupo ya batho, tshupo ya Modimo e kgolo bogolo; gonne tshupo ya Modimo ke yona e, e o e supileng ka ga Morwaa-ona.
10
Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le tshupo mo teng ga gagwe. Yo o sa dumeleng Modimo o o dirile moaki, ka a se ka a dumela tshupo e Modimo o e supileng ka ga Morwaa-ona.
11
Mme tshupo eo ke e e reng: Modimo o re neile bophelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwaa-ona.
12
Yo o nang le Morwa o na le bophelo; yo o se nang Morwa Modimo ga a na bophelo.
13
Dilo tseo ke di lo kwaletse gore lona ba lo dumelang mo leineng la Morwa Modimo, lo itse gore lo na le bophelo jo bo sa khutleng.
14
Mme namatshego e re nang nayo mo go ona ke ya gore o a re utlwa, fa re kopa sengwe ka fa go rateng ga ona.
15
Mme fa re itse gore o a re utlwa, le fa re ka ne re kopa eng, foo re itse gore re setse re tshotse tse re di kopileng mo go ona.
16
Fa motho a bona morwa-rraagwe a leofa ka boleo jo bo sa iseng kwa losong, a a kope, mme Modimo o tla mo neela bophelo, o bo neela ba ba sa leofang ka boleo jo bo isang kwa losong. Go na le boleo jo bo isang kwa losong; ga ke bue ka ga jona, fa ke re, a a kope.
17
Tshiamololo nngwe le nngwe ke boleo; mme go na le boleo jo bo sa iseng kwa losong.
18
Re itse gore mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Modimo ga a leofe; yo Modimo o mo tsetseng o a mmoloka, mme yo-o-bosula ga a na go mo tshwara.
19
Re itse gore re ba Modimo; mme lefatshe lotlhe le mo thateng ya yo-o-bosula.
20
Re bile re itse gore Morwa Modimo o tsile, a re naya tlhaloganyo ya gore re itse ene yo e leng boammaaruri. Mme re mo go ene yo e leng boammaaruri, mo go Morwaa-ona, Jesu Keresete. Yoo ke ene Modimo wa boammaaruri le bophelo jo bo sa khutleng.
21
Banaka, itiseng mo medimong e sele.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
All chapters:
1
2
3
4
5