bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Peter 3
1 Peter 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 4 →
1
Le lona basadi, utlwang banna ba lona gore le fa banna bangwe ba sa dumele Lefoko ba fenngwe ke tsamao ya basadi kwa ntle ga Lefoko,
2
fa ba bona tsamao e e phepa ya lona ya poifo-Modimo.
3
Mokgabo wa lona e se ka ya nna wa ka fa ntle wa go loga meriri le go ikgabisa ka gouta le go apara diaparo tsa maphatsiphatsi,
4
mme a e nne motho yo o fitlhegileng wa pelo yo o apereng mokgabo o o sa nyeleleng wa mowa o o bonolo, o o iketlileng; ke ona o o kgatlhang Modimo.
5
Gonne bogologolo basadi ba ba boitshepo ba ba neng ba solofela mo Modimong le bone ba ne ba ikgabisa jalo ka go ikokobeletsa banna ba bone,
6
jaaka Sara a ne a utlwa Aborahame, a mmitsa morena yo lo leng bana ba gagwe, fa lo dira molemo, mme lo sa boife sepe se se tshosang.
7
Le lona banna, agang le bone ka tlhaloganyo, ka mosadi a bopegile bokoa, mme lo ba nee tlotlo, ka e bile e le ba ba ruang bopelotlhomogi jwa botshelo mmogo le lona, gore merapelo ya lona e se ka ya kgoreletsega.
8
Ke akaretsa ke re: Nnang pelonngwe fela lotlhe lo nne pelotlhomogi, lo ratane jaaka bana ba motho, lo nne kutlwelo-botlhoko le boikokobetso.
9
Lo se ka lwa lefa bosula ka bosula gongwe komano ka komano, mme bogolo tshegofatsang, ka lo bileditswe gona moo gore lo rue lesego.
10
Gonne “Yo o ratang go itumelela bophelo le go bona malatsi a a molemo, a a thibele loleme lwa gagwe mo bosuleng, le molomo wa gagwe gore o se ka wa bua tsietso.
11
A a fapoge bosula, a dire molemo, a a batle kagiso, a e latelele;
12
gonne matlho a Morena a lebile basiami, ditsebe tsa gagwe di reeditse merapelo ya bone. Mme sefatlhego sa Morena se emelanye le ba ba dirang bosula.”
13
Ke mang yo o ka lo utlwisang botlhoko, fa lo tlhoafaletse molemo?
14
Mme le fa lo ka boga ka ntlha ya tshiamo, lo sego. Lo se ka lwa ba boifa ka gope le e seng go tshoga.
15
Mme lo itshepise Morena Keresete mo dipelong tsa lona, lo ntse lo iketleeditse go araba mongwe le mongwe yo o batlang boikarabelo mo go lona ka ga tsholofelo e lo nang nayo, mme e nne ka bonolo le ka poifo.
16
Lo nne le segakolodi se se siameng gore bone ba ba kgalang tsamao e e molemo ya lona mo go Keresete ba tlhajwe ke ditlhong ka dilo tse ba lo senyang leina ka tsona.
17
Gonne fa Modimo o rata gore lo boge, gona go boga ka ntlha ya go dira sentle go gaisa go boga ka ntlha ya go dira bosula.
18
Gonne Keresete le ene o kile a bogela maleo a rona gangwe fela, ene mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re ise kwa Modimong; a bolawa ka fa nameng, mme a tshedisiwa ka fa moweng,
19
o e leng ona o bileng a ya ka ona, a rerela mewa e e mo kgolegelong,
20
e e kileng ya gana go utlwa, jale fa Modimo o ntse o iketlile ka bopelotelele mo malatsing a ga Noa, go sa ntse go baakanngwa areka e batho ba se kae, e bong ba ba robedi fela, ba bolokilweng ka yona mo metsing.
21
Ke ona a le lona a lo pholosang kajeno kolobetsong, e le setshwantsho sa yona, e se go tlosa leswe la mmele, mme e le go kopa segakolodi se se siameng mo Modimong ka tsogo ya ga Jesu Keresete
22
yo o tsenyeng mo legodimong, a nna fa letsogong le le jang la Modimo, baengele le mebuso le ba ba thata ba sena go bewa mo taolong ya gagwe.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5